Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 4:9 - Setswana 1970

9 Mme Modimo wa raya Jona wa re: “A ò a re ò tuka bogale ka tshwanelo ka ntlha ya mokhure?” A araba a re: “Ke tla tuka bogale ka tshwanelo go fitlha losong.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi Yehova a raea Yone, a goiñtle go uena go tukela mokikaiona? Mi a re, E, goiñtle go ’na go tuka bogale yoa loshu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Modimo wa raya Jona wa re: “A o dira sentle go nna bogale ka ga menamo ya segwana?” Mme a re: “Ke dira sentle go nna bogale go ya fela mo losong.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 4:9
13 Iomraidhean Croise  

Ahabe a ba a fitlha kwa ntlong ya gagwe a ngadile a galefile ka ntlha ya lefoko le Nabothe wa Iserele o le buileng nae a re: “Ga nkitla ke go neela boswa jwa borre!” A ba a robala mo bolaong jwa gagwe a fitlhile sefatlhego, a sa batle le dijo.


Fa o ikgarolaka mo bogaleng jwa gago: A lefatshe le tla tlogelwa ka lebaka la gago? A lefika le ka suta mo mannong a lone?


A bogale bo se ka jwa go raela go ka kgala Modimo! A bogolo jwa serekololo bo se ka jwa go timetsa!


Kana lesilo le bolawa ke go ngala; seeleele se swa ka lefufa la sona.


Mme Jona a kgopisega thata, a ngala,


La bofelo Morena a re: “Wena ò tlhomogela mokhure pelo o ò sa itapisang ka ntlha ya ona, o ò sa o godisang. O godile mo bosigong bo le bongwe, wa ba wa nyelela mo bosigong bo le bongwe.


Ya re letsatsi le tswa, Modimo wa fokisa phefo e e bolelo ya botlhabatsatsi; ke fa letsatsi le tlhaba Jona mo tlhogong, a ba a nyema moko, a kopela mowa wa gagwe go swa a re: “Mo go nna go swa go molemo bogolo go go phela.”


A ba a ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata go ya losong; nnang fa, lo dise le nna.”


Gonne khutsafalo e e batlwang ke Modimo e dira tlhabologo e e sa swabiseng e e isang phologong, mme khutsafalo ya lefatshe yona e isa losong.


Mo malatsing ao batho ba tla batla loso, mme ga ba kitla ba lo bona ka gope; ba tla eletsa go swa, mme loso lo tla ba gana.


Mme ya re ka a mo tshwenya ka mafoko a gagwe ka malatsi aotlhe, a mo emeletse, a fela pelo, mo e keteng a ka swa,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan