Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 4:8 - Setswana 1970

8 Ya re letsatsi le tswa, Modimo wa fokisa phefo e e bolelo ya botlhabatsatsi; ke fa letsatsi le tlhaba Jona mo tlhogong, a ba a nyema moko, a kopela mowa wa gagwe go swa a re: “Mo go nna go swa go molemo bogolo go go phela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi ga rihala ka letsatsi le tlaba, Morimo oa laolela pheho ea Iseta ea tirimalo; mi letsatsi ya thothomela tlogo ea ga Yone, mi a nyerega, mi a lopa gore a shue, mi a re, Go molemo go ’na go shua bogolu go tsela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Ga dirala ya re letsasi le tlhatloga, Modimo wa baakanya phefo ya botlhabatsatsi e e molelo; letsatsi la thothomela mo tlhogong ya ga Jona, a ba a idibala, mme a itopela gore a swe, a re: “Go molemo mo go nna go swa bogolo go go tshela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 4:8
23 Iomraidhean Croise  

A ba a bona diako tse supa di tlhoga morago ga tsele, e le tse ditshesane tse di fisitsweng ke phefo ya botlhabatsatsi.


Mme ene a ya kwa sekakeng ka leeto la letsatsi, a fitlha a dula fa tlase ga motlopi, a ikopela go swa a re: “Jaanong go lekanye, Morena, tsaya mowa wa me; gonne ga ke a siama go gaisa borre.”


Ahabe a ba a fitlha kwa ntlong ya gagwe a ngadile a galefile ka ntlha ya lefoko le Nabothe wa Iserele o le buileng nae a re: “Ga nkitla ke go neela boswa jwa borre!” A ba a robala mo bolaong jwa gagwe a fitlhile sefatlhego, a sa batle le dijo.


Mme a mo raya a re: “Le wena o bua jaaka mongwe wa basadi ba e leng dieleele. A re ka amogela tse di molemo mo Moreneng, mme tse di botlhoko tsona re a di gana?” Mo go tsotlhe tseo Jobe a se ka a leofa ka molomo wa gagwe.


mo ke bileng ka rata go betwa le go swa bogolo go pogisego ya me.


Letsatsi ga le kitla le go tlhaba motshegare, le fa e le ngwedi bosigo.


Nkgolole mo ditlolong tsa me tsotlhe, o se ka wa ntira kgobo ya masilo.


Se potlake mo moweng wa gago go ngala; gonne ngalo e nna mo pelong tsa masilo.


Se ntebeng ka ke le morokwa! Kana letsatsi le mphisitse. Bokgaitsadiake ba ne ba nkgakaletse, ba nthoma go leta masimo a moweine. Mme tshimo ya me ya moweine ga ke a e disa.


Ga ba kitla ba tshwarwa ke tlala le e seng go bolawa ke lenyora. Ga ba nke ba tlhajwa ke letsatsi, le fa e le bolelo jwa sekaka. Gonne yo o ba utlwelang botlhoko o tla ba etelela pele, a ba isa kwa metsweding ya metsi.


Mme wa kumolwa kgalefong, wa digelwa fa fatshe; phefo ya botlhabatsatsi ya o swabisa; maungo a ona a phamolwa; kala e e tiileng ya ona ya swaba, ya jewa ke molelo.


Le fa Eferaime a ungwa maungo mo gare ga bomorwa-rraagwe, go tla tla phefo e e tswang kwa botlhabatsatsi, e leng phefo ya Morena e e tsogang mo sekakeng. Foo motswedi wa gagwe o tla tšha, sediba sa gagwe se kgala. Mmaba o tla thopa khumo ya dilo tse di eletsegang tsa mefutafuta.


Jaanong Moše a raya Arone a re: “Ke sona se Morena o se buileng a re: ‘Ke tla itshupa ke le boitshepo mo go ba ba nkatamelang; ke tla ikgalaletsa fa pele ga morafe otlhe!’ ” Mme Arone a didimala.


Mme Morena a roma tlhapi e kgolo gore e metse Jona. Mme Jona a nna mo mpeng ya tlhapi malatsi a le mararo le masigo a le mararo.


Mme Morena a fokisa phefo e kgolo mo lewatleng; ga nna ledimo le legolo mo lewatleng, mokoro wa ba wa batla go robega.


Jaanong Morena, a ko o tlose mowa wa me mo go nna; gonne mo go nna go swa go molemo bogolo go go phela.”


Mme Modimo wa raya Jona wa re: “A ò a re ò tuka bogale ka tshwanelo ka ntlha ya mokhure?” A araba a re: “Ke tla tuka bogale ka tshwanelo go fitlha losong.”


ba re: ‘Bao ba morago ba dirile nako e le nngwe fela, mme o ba lekantse le rona, ba re itshoketseng letsapa la letsatsi le mogote.’


Botlhe ba ke ba ratang ke a ba kgalemela, ke a ba watlhaya; ka moo he, nna matlhagatlhaga o tlhabologe.


Ga ba kitla ba tlhola ba bolawa ke tlala le fa e le lenyora, le letsatsi ga le kitla le ba fisa le fa e le mogote ope;


Ke fa Samuele a mmolelela mafoko aotlhe, a se ka a mo lobela sepe. Mme Eli a re: “Ke Morena. A a dire tse di siameng mo matlhong a gagwe.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan