Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 4:6 - Setswana 1970

6 Ke fa Morena a tlhogisa mokhure gore o okame Jona, o mo direle moriti mo tlhogong, o mo tlose mo ngalong ya gagwe. Mme Jona a itumelela mokhure oo thata thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi Yehova Morimo a laolela setlare sa mokikaiona, mi a se tlogisetsa gorimo ga Yone, go na moroti gorimo ga tlogo ea gague, go mo golola mo khutsahaloñ ea gague. Mi Yone a itumelela mokikaiona segolu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Jehofa Modimo a baakanya menamo ya segwana, a e tlhogisetsa go okama Jona, gore e nne moriti tlhogong ya gagwe, go mo fomodisa mo pitlaganong ya gagwe e e bosula. Jalo Jona a itumela thata ka ga menamo ya segwana.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 4:6
11 Iomraidhean Croise  

Ka letsatsi leo Hamane a tswa a itumetse a le pelotshweu; mme ya re Hamane a bona Moretogai mo kgorong ya kgosi, a sa nanoge, a sa mo tshoge, Hamane a betwa ke pelo ka ntlha ya ga Moretogai.


Molala o lelela moriti; yo o sebeletsang tuelo o emela tuelo ya gagwe:


A o tla tlhoma matlho mo lehumong? Le tla tloga le nyelela! Gonne le itirela diphuka le fofela kwa legodimong jaaka lenong.


Mme Hesekia a itumelela barongwi, a ba bontsha ntlo ya mahumo a gagwe, e bong selefera le gouta le tse di nkgang monate le lookwane lo lo molemo le ntlo yotlhe ya marumo a gagwe le dilo tsotlhe tse di leng teng mo mahumong a gagwe, mme go se na sepe mo ntlong ya ga Hesekia le mo pusong yotlhe ya gagwe se a se kang a se ba supetsa.


Lona ba lo thabelang motse wa “Se-e-seng-sepe”, lo re: “A ga re a thopa wa Karenaime ka thata ya rona?”


Mme Morena a roma tlhapi e kgolo gore e metse Jona. Mme Jona a nna mo mpeng ya tlhapi malatsi a le mararo le masigo a le mararo.


Mme Jona a tswela kwa ntle ga motse, a nna fa fatshe mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya motse; a itirela leobo gona, a nna fa tlase ga lone mo moriting go ya go fitlhelela a bone se se tla dirafalelang motse.


Jaanong ya re mahube a tlhatloga mo letsatsing la ka moso, Modimo wa laela seboko; sona sa fetlha mokhure oo, wa ba wa swaba.


Fela lo se ka lwa itumelela moo, fa mewa e lo ikobela, mme itumeleng, ka maina a lona a kwadilwe kwa magodimong.”


Le ba ba lelang, a ba nne jaaka e kete ga ba lele; le ba ba itumelang, a ba nne jaaka e kete ga ba itumele; le ba ba rekang, a ba nne jaaka e kete ga ba na sepe;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan