Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 4:10 - Setswana 1970

10 La bofelo Morena a re: “Wena ò tlhomogela mokhure pelo o ò sa itapisang ka ntlha ya ona, o ò sa o godisang. O godile mo bosigong bo le bongwe, wa ba wa nyelela mo bosigong bo le bongwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Mi Yehova a re, Ua tlomogela mokikaiona o pelu, o u sa o khokholeleñ, le gona ga ua o merisa; o o ruleñ ka sigo bo le boñue, mi oa hela ki sigo bo le boñue:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Jehofa a re: “O tlhomogetse menamo ya segwana pelo, o o se kang wa fufula ka ga one, le o o se kang wa o tlhogisa; o o tlhogileng mo bosigong bo le bongwe fela, wa ba wa swa mo bosigong bo le bongwe fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 4:10
4 Iomraidhean Croise  

A go rupisiwe mosimanyana mongwe le mongwe wa lona a le malatsi a le 8 mo ditshikeng tsotlhe tsa lona le motlhanka yo o tsaletsweng mo ntlong le yo o rekilweng ka selefera le fa e le moeng wa kae le kae, yo e seng wa losika lwa lona.


Mme nna a ga ke a tshwanela go tlhomogela Ninife pelo, yo e leng motse o mogolo, o o nang le batho ba ba fetang 120 000 ba ba sa itseng go farologanya letsogo le le jang le la molema, le diphedi di le dintsi?”


Mme Modimo wa raya Jona wa re: “A ò a re ò tuka bogale ka tshwanelo ka ntlha ya mokhure?” A araba a re: “Ke tla tuka bogale ka tshwanelo go fitlha losong.”


Gonne ka malatsi otlhe a morwa Isai o phelang ka ona mo lefatsheng ga o kitla o tlhomamisiwa le e seng go dirwa kgosi. Jaanong ka re, roma o mo tlise kwano go nna, gonne o tshwanetse go bolawa.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan