Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 3:4 - Setswana 1970

4 Ya re Jona a simolola go tsena mo motseng, a tsamaya leeto la letsatsi le le lengwe, a tlhaba mokgosi a re: “Ninife o tla ribegediwa, malatsi a 40 a sena go feta!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi Yone a simolola go ralala motse ka sebaka sa tsatsi leñue, mi a küa, a re, Go sale malatsi a forte, mi Nineve o tla ribegerioa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Mme Jona a simolola go tsena motse loeto lwa letsatsi le le lengwe fela, mme a kua, a re: “Go sa le malatsi a le 40, Ninefe o tlaa ribegediwa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 3:4
10 Iomraidhean Croise  

Mo metlheng eo Hesekia o ne a lwala lwa go swa. Ke fa moporofeti Jesaya morwa Amotse a tla kwa go ene, a mo raya a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Laela ba lapa la gago! Gonne o tla swa, ga o kitla o phela.’ ”


Ke tla okeletsa malatsi a gago dinyaga di le 15. Le gona ke tla go pholosa mmogo le motse o mo seatleng sa kgosi ya Asiria, ke femela motse o ka ntlha ya me le ka ntlha ya ga Dafita motlhanka wa me.’ ”


Ke gona ka moo Morena a lo letelang gore a lo itshwarele; ke ka moo a tsogang gore a lo tlhomogele pelo. Gonne Morena ke Modimo wa tshiamo. Go tshegofaditswe botlhe ba ba solofelang mo go ene.


‘Fa lo nna mo lefatsheng le, lo iketlile, ke tla lo agisa, ke sa lo rutle; ke tla lo tlhoma, ke sa lo kumole. Gonne ke utlwa botlhoko ka ntlha ya petso e ke e lo diretseng.


Jaanong ya re Modimo o bona ditiro tsa bona tsa go boa mo ditseleng tse di bosula tsa bone, Modimo wa ithibela mo petsong e o neng o ikaeletse go e ba direla mme wa se ka wa e dirafatsa.


Banna ba Ninife ba tla ema ka letsatsi la katlholo, ba na le batho ba kajeno, ba ba bona molato; gonne bone ba ne ba ikwatlhaya ka ntlha ya thero ya ga Jona; mme itseng gore yo o fetang Jona o fano.


Gonne Morwa-Motho o tla nna sesupo mo losikeng lo, fela jaaka Jona e ne e le sesupo mo go ba Ninife.


Le banna ba Ninife ba tla ema mo katlholong ya bofelo, ba na le losika lo, ba lo bona molato; ka gonne ba ne ba ikwatlhaisiwa ke thero ya ga Jona; mme kana yo o fetang Jona o fano.


e re fa moporofeti a bua mo leineng la Morena, mme se a se buileng se sa dirafale le e seng go bonala, ke go re: Ke lefoko le Morena a sa le buang. Moporofeti o le buile ka boikgogomoso. O se ka wa mmoifa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan