Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 3:2 - Setswana 1970

2 “Tloga o ye kwa motseng o mogolo wa Ninife, o rere thero teng e ke tla e go bolelelang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ñanoga, u ee kua Nineve, motse o mogolu ouo, mi küa küo kaga ona e ki tla e buañ le uena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 “Nanoga, o ye kwa Ninefe motse oo o mogolo, mme o o rerele thero e ke tlaa e go laolelang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 3:2
13 Iomraidhean Croise  

gore ba tlhomamise malatsi ao a Phurime ka nako ya ona jaaka ba a tlhomamiseditswe ke Mojuta Moretogai le mohumagadi Esetere le jaaka bone ka bosi ba tlhomamisitse mafoko a malatsi a go itima dijo le a selelo sa bone go nna molao wa bone le wa ditso tsa bone.


Ke fa Moše a begela Arone mafoko otlhe a Morena o mo romileng ka ona le ditshupo tsotlhe tse o di mo laoletseng.


Mme wena, itlame letheka, o ipaakanye, o ba bolelele tsotlhe tse ke di go laelang. O se ka wa ba boifa, gore ke se ka ka go boifisa fa pele ga bone.


Mme Morena a nthaya a re: “Se re, ke sa le mošwa! Gonne o na le go ya kwa go botlhe ba ke go romang kwa go bone, le go bua tsotlhe tse ke di go laelang.


Mme o ba bolelele mafoko a me, le fa ba utlwa gongwe ba gana. Gonne bone ke baitaodi.


“Morwa-motho, ke go dirile modisa wa Baiseraele. E ne e re fa o utlwa lefoko le le tswang mo molomong wa me, o ba tlhagise, o romilwe ke nna.


“Tloga ò ye kwa motseng o mogolo wa Ninife, ò o kgalemele ka thero; gonne bosula jwa bone bo tlhatlogetse fa pele ga me.”


Jaanong Lefoko la Morena la tla kwa go Jona la bobedi la re:


Ke fa Jona a nanoga, a ya kwa Ninife ka fa Lefokong la Morena. Mme Ninife e ne e le motse o mogolo fa pele ga Modimo, o o boatlhamo jwa tsamao ya malatsi a mararo.


Ungwang he maungo a a tshwanetseng tlhabologo.


Morago ga moo Jesu a mmona mo Tempeleng, a mo raya a re: “Bona, o fodile; o se tlhole o leofa, gore se se bosula bogolo se se go dirafalele.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan