Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 2:4 - Setswana 1970

4 Mme ke itheile ka re: ‘Ke lelekilwe ka tlosiwa fa pele ga gago. A ke tla tlhola ke bona Tempele e e Boitshepo ya gago gape?’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi ka re, Ki lelekiloe ha pele ga maitlo a gago; leha gontse yalo ki tla ba ki leba tempela ea gago ea boitsepho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Mme ka re: ‘Ke latlhegetse koo kwa ntle fa pele ga matlho a gago; le fa go ntse jalo ke tlaa ba ke leba kwa tempeleng ya gago e e boitshepo.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 2:4
20 Iomraidhean Croise  

gonne ba tla utlwela leina le legolo la gago le seatla se se thata sa gago le letsogo le le otlologileng la gago. Fa a tla a rapela a lebile Ntlo e,


Fa ba boela jalo kwa go wena ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe ba le kwa lefatsheng la baba ba bone ba ba ba isitseng mo botshwarong, ba go rapela ba lebile kwa lefatsheng la bone le o le neileng borraabo le kwa motseng o ò o tlhophileng le kwa Ntlong e ke e agetseng leina la gago,


gona ke tla nyeletsa Baiseraele mo nageng e ke e ba neileng. Le Ntlo e ke e itshepiseditseng leina la me ke tla e latlha, ke e tlosa fa pele ga me, mme Baiseraele ba tla fetoga seane le sefela sa tshotlo mo merafeng yotlhe.


Fa ba boela jalo kwa go wena ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe ba le kwa lefatsheng la botshwaro jwa bone kwa ba isitsweng teng mo botshwarong, mme ba rapela ba lebile kwa lefatsheng la bone le o le neileng borraabo le kwa motseng o ò o tlhophileng le kwa Ntlong e ke e agetseng leina la gago,


A Morena a bakwe, ka a ntiretse boutlwelo-botlhoko jwa gagwe ka mokgwa o o gakgamatsang mo motseng o o thata.


Morwalela o tlhaeleletsa morwaleleng ka kgwaso ya maphothophotho a gago; makhubu otlhe a gago le maphothophotho a nkhurumeditse.


O tla nyeletsa ba ba buang maaka; monna wa polao le wa tsietso o tena Morena.


Ke laditswe le baswi, jaaka ba ba bolailweng ba letse mo diphupung, ba o sa tlholeng o ba gopola, ka ba kgaogantswe le letsogo la gago.


O mpeile kwa tlasetlase moleteng, mo mafifing, mo matennye.


Bona, bogalaka, ee, bogalaka jo bogolo bo mphetogetse kagiso. Wena o ratile mowa wa me, wa nntsha mo moleteng wa nyelelo; gonne o latlhetse maleo otlhe a me kwa morago ga gago.


Mme Sione a re: “Morena o ntlogetse. Morena o ntebetse.”


Mme Morena a nthaya a re: “Le fa Moše le Samuele ba ka ema fa pele ga me, ga ke na sepe le morafe o. Ba leleke fa pele ga me! A ba tsamae!


Mme ke tla lo tlosa fa pele ga me, ke lo latlha, jaaka ke latlhile bomorwa-rraeno botlhe, e leng losika lotlhe lwa Eferaime.’ ”


Metsi a ela godimo ga tlhogo ya me, ka ba ka re, ke nyeletse.


Ya baa gona a nthayang a re: “Morwa-motho, marapo a ke Baiseraele botlhe. Bona, ba bua ba re: ‘Marapo a rona a omeletse, tsholofelo ya rona e nyeletse, re fedile!’


E rile Daniele a sena go utlwa gore molao oo o kwadilwe, a tsena mo ntlong ya gagwe; o ne a na le difenstere tse di bulegileng mo ntlwaneng ya gagwe e e kwa godimo tse di lebileng kwa Jerusalema; a khubama teng gararo ka mangole ka letsatsi leo, a rapela, a leboga Modimo wa gagwe, jaaka a ne a ntse a dira pele ga foo.


E rile mowa wa me o tlhoboga mo teng ga me, ka gakologelwa Morena; thapelo ya me ya fitlha koo go wena mo Tempeleng e e Boitshepo ya gago.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan