Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 2:2 - Setswana 1970

2 a re: “Ke ne ka rapela Morena ke le mo tlalelong, mme a nkutlwa; ka goa ke le mo felong ga baswi, mme wa utlwa lentswe la me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi a re, Ki le ka biletsa go Yehova ka tlalelo ea me, mi o la a ’nkaraba; ka khayayega mo teñ ga bobipo, mi u lu ua utlua koru ea me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 A re: “Ka ntlha ya pitlagano ya me ka biletsa kwa go Jehofa, mme a nkaraba, ka goa ke le mo mpeng ya Bobipo, mme wa utlwa lentswe la me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 2:2
26 Iomraidhean Croise  

Mme ya re a le mo tlalelong, a kopa bopelotlhomogi mo Moreneng, Modimo wa gagwe, a ikokobetsa thata fa pele ga Modimo wa borraagwe;


Dikgole tsa loso di ne di ntikanyeditse, le ditlalelo tsa felo ga baswi di ne di ntshwere, ka fitlhela pitlagano le bohutsana.


Thapelo ya go batla go femelwa mo basotling. Sefela sa go ya Tempeleng. Ke goetse Moreneng, ke le mo pitlaganong, mme a nkutlwa.


Gonne ga o kitla o tlogela mowa wa me go tsena mo bobipong, le e seng go leseletsa moitshepi wa gago go bona go bola.


“Lona ba lo boifang Morena, mo galaletseng; lona boora Jakobe lotlhe, mo tlotleng; lona boora Iseraele lotlhe, mmoifeng!


Ba ba lebileng ena ba galalela difatlhego, mme difatlhego tsa bona ga di kitla di sosobana.


Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi; e opedisiwe ka kwadi ya dithapo.


Modimo, utlwa mekokotlelo ya me, o ele thapelo ya me tlhoko.


Modimo, o tshwanetswe ke sefela sa pako mo Sione, maikano o tla a direlwa.


Gonne bopelontle jwa gago bo bogolo mo go nna, o golotse mowa wa me mo felong ga baswi, fa go kwa tlasetlase.


“Felo ga baswi kwa tlase go ne go huduega ka ntlha ya gago go go kgatlhantsha, fa o goroga. Go ne go tsosa baswi ka ntlha ya gago, e leng bagogi botlhe ba lefatshe; go emisa dikgosi tsotlhe tsa ditšhaba mo ditulong tsa tsone tsa bogosi.


“Ka bitsa leina la gago, Morena, ke le kwa tlasetlase moleteng.


Foo ke tla go folosetsa kwa go ba ba fologelang kwa felong ga baswi kwa morafeng wa kgale, ke go nnisa kwa tlasetlase mo teng ga lefatshe jaaka marope a bogologolo, mmogo le ba ba fologetseng kwa felong ga baswi, gore o se ka wa tlhola o nna le batho, le e seng go tsoga gape mo lefatsheng la baphedi.


gore go se nne ditlhare dipe tse di fa metsing, tse di golelang kwa godimo, tse di tsenyang dintlha tsa tsona mo marung; mme tse dikgolo tsa tsona tse di nwang metsi di se ka tsa ema ka boikgantsho jwa tsona. Gonne di neetswe losong tsotlhe, di tla ya kwa tengteng ga lefatshe jaaka batho ba bangwe, kwa go ba ba fologetseng kwa felong ga baswi.’


gonne Morwa-Motho o tla nna mo teng ga lefatshe malatsi a mararo le masigo a mararo jaaka Jona a kile a nna mo mpeng ya leruarua malatsi a mararo le masigo a mararo.


“Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, le yo o batlang o a bona, le yo o konyakonyang o tla bulelwa.


Ya re a le mo tlalelong e kgolo, a rapela ka bojotlhe jwa gagwe; mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a madi a a rothelang fa fatshe.


gonne ga o kitla o tlogelela felo ga baswi mowa wa me, le gona ga o nke o leseletsa Moitshepi wa gago a senngwa ke go bola.


Ke ene yo, mo malatsing a nama ya gagwe o isitseng merapelo le mekokotlelo ka selelo se se thata le ka dikeledi kwa go ona o o nonofileng go mo golola mo losong, mme a utlwiwa, a gololwa mo poifong.


O se ka wa kaya lelata la gago mosadi yo e seng wa sepe; gonne ke ntse ke buisiwa ke botlhoko jwa me le masetlapelo a magolo a me go fitlha jaanong.”


Dafita ene o ne a tlaletswe thata, gonne banna ba ne ba re ba mo kgobotletsa ka majwe; gonne banna botlhe ba ne ba sudile dipelo, mongwe le mongwe ka ntlha ya bomorwawe le ka ntlha ya bomorwadie, mme Dafita a itiisa ka Morena, Modimo wa gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan