Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 1:9 - Setswana 1970

9 A ba araba a re: “Ke Mohebere, ke boifa Morena, Modimo wa legodimo, o o dirileng lewatle le lefatshe.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi a ba raea, Ki Mohebera, mi ki boiha Yehova, Morimo oa legorimo, eo o rihileñ leoatle le komelelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Mme a ba raya a re: “Ke Mohebere; mme ke boifa Jehofa, Modimo wa legodimo, yo o dirileng lewatle le lefatshe la komelelo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 1:9
29 Iomraidhean Croise  

Modimo wa bitsa mmu o o omileng “Lefatshe”, phuthegelo ya metsi yona wa e bitsa “Lewatle”. Modimo wa bona, fa go le molemo.


Ga tla mofalodi, a itsise Aborame wa Mohebere yo o neng a agile kwa ditlhareng tsa metherebinthe tsa ga Mamere wa Moamori, morwa-rraagwe Ešekole le Anere; bao ba ne ba dirile kgolagano le Aborame.


Morena Modimo wa legodimo yo o nntshitseng mo lapeng la ga rre le mo lefatsheng la ba ga etsho, yo o buileng le nna, yo o inkanetseng a re: ‘Ba losika lwa gago ke tla ba naya lefatshe le,’ ene o tla roma moengele wa gagwe gore a go etelele pele gore o batlele morwaake mosadi teng.


a tlhabela batho ba lapa la gagwe mokgosi, a ba raya a re: “Bonang, Photifare o re tliseditse monna wa Mohebere gore a re sotle. O tlile kwa go nna a re, o robala le nna. Mme ka goa ka lentswe le legolo.


Mme e rile ba simolola go nna teng, ba bo ba sa itse Morena; ke fa Morena a romela ditau kwa go bone, tsa nna tsa bolaya bangwe ba bone.


Mongwe wa baperesiti ba ba neng ba tlositswe mo Samaria a tla jalo, a nna kwa Bethele, a nna a ba ruta ka fa ba tshwanetseng go boifa Morena ka teng.


“Korese kgosi ya Peresia o bua jaana a re: ‘Morena, Modimo wa legodimo, o nneile magosi otlhe a lefatshe, a ba a ntaela ka esi gore ke mo agele Ntlo kwa Jerusalema mo Juta.


Ba re araba ba re: ‘Rona re batlhanka ba Modimo wa legodimo le lefatshe; re aga Ntlo ya Modimo wa legodimo le lefatshe; re aga Ntlo ya Modimo gape e e kileng ya agiwa pele ga dinyaga tse dintsi, e kgosi e kgolo ya Iseraele e e agileng ya e fetsa.


Ya re ke sena go utlwa mafoko ao, ka nna fa fatshe ka lela, ka hutsafala malatsi; ka nna ka itima dijo, ka rapela fa pele ga Modimo wa legodimo


Kgosi ya mpotsa ya re: “Ke eng se o se batlang?” Ka rapela Modimo wa legodimo,


Esera a rapela a re: “Ke wena Morena o le wesi; ke wena o dirileng legodimo, legodimo la magodimo le lesomo lotlhe la lone le lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone le mawatle le tsotlhe tse di mo go ona; ke wena o di phedisang tsotlhe, mme lesomo la legodimo le a go obamela.


Mme Satane a fetola Morena a re: “A Jobe o boifa Modimo lefela?


Lebogang Modimo wa magodimo; gonne bopelotlhomogi jwa ona ke jo bo sa khutleng.


Gape kgosi ya Egepeto ya laela babelegisi ba basadi ba Bahebere, e bong Sifera le Phua,


A ba a ya gape ka letsatsi la bobedi, a bona banna ba le babedi ba Bahebere ba lwa, mme a botsa yo o rumotseng a re: “O iteelang wa ga eno?”


Mme e tla re ka malatsi a dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlhome bogosi jo bo sa nyeleleng ka bosakhutleng. Bogosi joo ga bo nke bo amogwa ke morafe o mongwe. Bo tla pšhwetlakanya, bo fedisa magosi aotlhe ao, mme jona bo tla tlhomama ka bosakhutleng,


Morago ga moo Baiseraele ba tla tlhabologa, ba batla Morena, Modimo wa bone, le Dafita, kgosi ya bone; mo sebakeng sa bofelo ba tla atamela Morena le molemo wa gagwe ka thoromo.


ba re: “Banna, lo direlang jalo? Kana le rona re batho fela jaaka lona, re lo rerela Efangele gore lo tlogele medimo e e seng yona, lo sokologele kwa Modimong o o phelang, o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsona;


Gonne moengele wa Modimo o ke leng wa ona, o ke bileng ke o direla, o letse a eme fa go nna,


Ke rupile ka letsatsi la borobedi, ke wa losika lwa ga Iseraele, wa lotso lwa ga Benyamene, ke Mohebere wa Bahebere, ke Mofarisai ka fa molaong;


Mo nakong eo ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe, karolo ya lesome ya motse ya wa; mo thoromong ya lefatshe ga bolawa batho ba le dikete di supa; ba bangwe ba tshoga thata, ba obegela Modimo wa legodimo.


Ke mang yo o se kitlang a go boifa Morena, a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo o le wesi; merafe yotlhe e tla tla, e obamela fa pele ga gago; ka gonne ditiro tsa gago tsa tshiamo di senogile.”


Ba kgala Modimo wa legodimo ka ntlha ya matlhoko a bone le ka ntlha ya ditlhagala tsa bone, mme ba se ka ba bakela ditiro tsa bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan