Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 1:6 - Setswana 1970

6 Mme molaodi wa mokoro a mo atamela, a mo raya a re: “O robaletse eng? Tsoga o rapele Modimo wa gago! Ka gongwe Modimo wa gago o ka re gopola gore re se nyelele.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi muñ oa shepa a mo atamela, a mo raea, Gontse yañ ka u thulametse? nanoga, u biletse go Morimo oa gago, ekare khotsa Morimo oa re gopola, gore re si hele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Jalo mong wa sekepe a ya kwa go ene, a mo raya a re: “O a reng morobadi ke wena? Tsoga o bitse Modimo wa gago, e tle e re kgotsa Modimo wa re gopola, gore re se ka ra swa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 1:6
18 Iomraidhean Croise  

A araba a re: “E rile ngwana a sa ntse a phela, ka itima dijo, ka lela; gonne ke re: ‘Go itse mang, go gongwe Morena o ka ntlhomogela pelo, ngwana a phela.’


“Yaa o phuthe Bajuta botlhe ba ba mono Susane, lo itime dijo ka ntlha ya me, lo se ka lwa ja, lo se ka lwa nwa malatsi a le mararo bosigo le motshegare; le nna le basetsana ba me re tla itima dijo jalo; morago ga moo ke tla tsena kwa kgosing, le fa e se ka fa molaong. Fa ke bolawa, ke tla bolawa.”


mme ba goela Moreneng, ba le mo tlalelong, mme a ba golola mo dipitlaganong tsa bona,


Mme e ne ya re fa o ba bolaya, ba botse ka ga ona, ba tlhabologe, ba batle Modimo;


Lo dirwa ke eng fa lo gataka morafe wa me jaana, lo tšhwetlakanya difatlhego tsa batlhaki?” go bua Morena, Modimo wa masomosomo.


“Lo a reng, lona ba lo tlhabang seane se sa tshotlo ka ga lefatshe la Iseraele lo a re: “ ‘Borra-bana ba jele makgela, mme meno a bana a dilega’?


Mme Morena o dumisa kodu ya gagwe fa pele ga lesomo la ntwa la gagwe; gonne lesomo la ntwa la gagwe le legolo thata. Ee, yo o dirafatsang lefoko la gagwe o thata; gonne letsatsi la Morena le legolo, le boitshega thata. Ke mang yo o ka le itshokelang?


Tlhoang tse di bosula, ratang tse di molemo, dirang tshiamo mo lekgotleng; ka gongwe Morena, Modimo wa masomosomo, o tla utlwela masalela a ga Josefa botlhoko.


A batho ba apare diaparo tsa boikwatlhao, diphedi le tsona di apesiwe jalo, mme a ba rapele Modimo thata, mme mongwe le mongwe a boe mo tseleng ya gagwe e e bosula le mo tshenyong ya diatla tsa gagwe!


Go itse mang? Ka gongwe Modimo o ka busa pelo, wa boa mo bogaleng jwa ona jo bo tukang gore re se ka ra nyelela.’ ”


Foo Paulo a araba a re: “Lo dirang ka go lela, lo mphatlola pelo? Kana ke iketleeditse go swela leina la Morena Jesu kwa Jerusalema, e seng go golegwa fela.”


Dirang jalo, ka lo itse sebaka gore e setse e le nako ya go tsoga mo thobalong; gonne pholoso e re atametse jaanong bogolo go jale fa re simolola go dumela.


Ke ka moo go tweng: “Thanya, wena yo o robetseng, o tsoge mo baswing, mme Keresete o tla go sedifatsa.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan