Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 1:5 - Setswana 1970

5 Ke fa batsamaisi ba mokoro ba boifa, mongwe le mongwe a goela kwa modimong wa gagwe; ba latlhela dithoto tse di mo mokorong mo lewatleng go imolola mokoro gore o tlhofofale. Jona ene o ne a fologetse mo teng ga mokoro kwa tlase, a robetse, a thulametse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Ereha gona ba leoatle ba boihañ, mi moñue le moñue a khayayegela go morimo oa gague, mi ba rigela mo leoatleñ lithoto tse ri mo shepeñ, go hehoharioa ka cona. Mi Yone a la a hologetse mo tlakoreñ tsa shepa, mi a le mo thulameloñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Foo banna ba ba tsamaisang sekepe ba boifa, mongwe le mongwe a goela kwa go modimo wa gagwe; thoto e e mo sekepeng ba e latlhela mo lewatleng, gore se tle se ba fefofalele. Mme Jona o ne a tsenye kwa tengteng ga sekepe; mme a bo a rapame, a thulametse thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 1:5
22 Iomraidhean Croise  

Ba tsaya poo e ba e filweng, ba e baakanya, ba bitsa leina la ga Baale go tloga mosong go fitlha motshegare ba re: “Baala wee, re utlwe!” Mme ga se ka ga nna tumo le e seng yo o arabang. Mme ba tlolaka ba dikologa aletare e ba e dirileng.


Mme Satane a fetola Morena a re: “Letlalo le a tle le ntshediwe letlalo. Tsotlhe tse motho o di tshotseng o ka di ntsha gore a boloke bophelo jwa gagwe.


A laela, a fokisa phefo ya ledimo, la gogomosa dintelo tsa lewatle.


le wena molelo le sefako le semathana le musi le phefo ya ledimo le le dirafatsang lefoko la gagwe.


sebaka sa go batla le sebaka sa go latlhegelwa; sebaka sa go boloka le sebaka sa go latlha;


“Phuthegang, tlayang, lo atamele kwano lotlhe, ba lo falotseng ba ditšhaba! Ba ba rweleng kota e e leng modimo wa bone, ba ba rapelang modimo o o sa thuseng sepe, ga ba itse sepe.


“Medimo ya gago e kae e o e itiretseng? A e tsoge, fa e itse go go thusa mo sebakeng sa tlalelo ya gago. Gonne palo ya metse ya gago e lekana le palo ya medimo ya gago, Juta!


Le gona ga ba goele go nna ka dipelo tsa bona, fa ba lela mo malaong a bona; ba iphatsa ka ntlha ya mabele le matute a moweine, ba a nthukhutlhegela.


Ke fa ba rapela Morena ba re: “Ao, Morena, a re se ka ra nyelela ka ntlha ya bophelo jwa monna yo! O se ka wa re bona molato wa re, re bolaile motho yo o se nang molato! Gonne wena Morena ò dirile ka fa ò kgatlhegang ka teng.”


Mme banna bao ba boifa Morena segolo thata, ba tlhabela Morena setlhabelo, ba ikana maikano.


Mme molaodi wa mokoro a mo atamela, a mo raya a re: “O robaletse eng? Tsoga o rapele Modimo wa gago! Ka gongwe Modimo wa gago o ka re gopola gore re se nyelele.”


Ya re monyadi a diega, otlhe a otsela, a robala.


A tla a fitlhela gape ba robetse; gonne matlho a bone a ne a bokaletse.


Jaanong a boela kwa barutweng, a ba raya a re: “A lo sa ntse lo robetse le go ikhutsa? Bonang, nako e atametse, mme Morwa-Motho o neelwa mo diatleng tsa baleofi.


Fa ba sena go kgora, ba imolola mokoro ka go tshololela mabele mo lewatleng.


Delila a mo robatsa a mo farile, a ba a bitsa monna yo mongwe, mme a beola makaodi a supa a tlhogo ya gagwe. Ke fa a simolola go koafala, mme thata ya gagwe ya mo tlogela.


Ke fa Saule a tsaya banna ba le 3 000 ba ba tlhaotsweng mo Baiseraeleng botlhe, a ya go batla Dafita le banna ba gagwe kwa ntlheng ya botlhabatsatsi ya Mafika a Diphudufudu.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan