Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 1:4 - Setswana 1970

4 Mme Morena a fokisa phefo e kgolo mo lewatleng; ga nna ledimo le legolo mo lewatleng, mokoro wa ba wa batla go robega.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi Yehova a holosetsa pheho e kholu mo leoatleñ, mi ga na moroalela o mogolu mo leoatleñ, mi ga itloñoa ha shepa se tla thubega.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Mme Jehofa a digela phefo e kgolo mo lewatleng, mme ga nna ledimo le legolo la phefo mo lewatleng, ga tshwana jaaka e kete sekepe se tlaa thubega.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 1:4
13 Iomraidhean Croise  

Sengwe le sengwe se Morena o se ratang o se dira mo legodimong le mo lefatsheng le mo mawatleng le mo mafelong otlhe a a boteng.


Ke ene yo o tlhatlosang meuwane go tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe, a direla pula dikgadima, a ntsha phefo mo dipolokelong tsa gagwe.


le wena molelo le sefako le semathana le musi le phefo ya ledimo le le dirafatsang lefoko la gagwe.


Moše a tsholeletsa lefatshe la Egepeto thobane ya gagwe; ke fa Morena a fokisa phefo ya botlhabatsatsi mo lefatsheng ka letsatsi leo le bosigo jotlhe. Ya re bo sa, phefo ya botlhabatsatsi ya tlisa tsie.


Mme Morena a sokolola phefo, a fokisa phefo e kgolo thata ya bophirimatsatsi; ya tsaya tsie, ya e latlhela kwa Lewatleng la Motlhaka, ga se ka ga sala tsie epe mo nageng yotlhe ya Egepeto.


Jaanong Moše a otlololela lewatle letsogo, mme Morena a tlosa metsi a lewatle ka phefo e e thata ya botlhabatsatsi bosigo jotlhe, a fetola lewatle naga e e omileng, metsi a kgaogana.


Mme ya re o budula ka phefo ya gago, lewatle la ba khurumetsa; ba rôrômela mo metsing a magolo jaaka tshipi.


Fa a utlwatsa kodu ya gagwe, metsi a suma kwa legodimong; o tlhatlosa meuwane kwa dikhutlong tsa lefatshe, a direla pula dikgadima, a fokisa phefo e tswa mo dipolokelong tsa gagwe.


Gonne bonang, ene yo o bopang dithaba, a tlhola phefo, a itsise batho maikaelelo a gagwe, a dira mahube le lefifi, a gata mo mafelong a a kwa godimo a lefatshe: Leina la gagwe ke Morena Modimo wa masomosomo.


Jaanong ga tswa phefo kwa Moreneng, ya tlisa maphurrwana a tswa ntlheng ya lewatle, ya a gasetsa mo bothibelelong, a tlala ntlheng tsotlhe tsa bothibelelo mo go kana ka leeto la letsatsi mo ntlheng eno le mo go kana ka leeto la letsatsi ntlheng ele, a fofa mabogo a le mabedi godimo ga lefatshe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan