Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 1:3 - Setswana 1970

3 Mme Jona a nanoga, a re o tshabela kwa Tharesise, a tshaba sefatlhego sa Morena; a fologela kwa Jafo, a fitlhela mokoro teng o o yang kwa Tharesise, a ntsha tuelo ya ona, a ba a o palama, a re o ya nabo kwa Tharesise go tshaba sefatlhego sa Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi Yone a nanoga go tsabela hatlogo sa ga Yehova kua Tareshesha: mi a ea kua Yopa; mi a bona shepa se se eañ Tareshesha: mi a leha tuelo ea shona, mi a tsena go shona, go ea Tareshesha nabo, go coa ha pele ga Yehova.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Mme Jona a nanoga, a re o tshabela kwa Tarešiše a tswa mo ponong ya ga Jehofa; mme a fologela kwa Jopa, a fitlhela sekepe teng se se yang kwa Tarešiše, mme a se ntshetsa madi a tsamao, a fologela mo go sone, a re o ya nabo kwa Tarešiše, a tswa mo ponong ya ga Jehofa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 1:3
35 Iomraidhean Croise  

Jaanong ya re ba utlwa mokgwasa wa Morena Modimo o sepela mo tshimong go le phefo ya mantsiboa, motho le mosadi wa gagwe ba tshaba sefatlhego sa Morena Modimo, ba iphitlha mo teng ga ditlhare tsa tshimo.


Ke fa Kaine a tloga fa pele ga sefatlhego sa Morena, a ya go nna kwa lefatsheng la Note mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Etene.


Ke fa Elia a boifa, mme a nanoga a tsamaya go boloka bophelo jwa gagwe, a fitlha kwa Bereseba wa Juta, a tlogela modiredi wa gagwe teng.


Teng a tsena mo logageng, a lala gona. A utlwa lefoko la Morena le tla kwa go ene, le mmotsa le re: “O dirang fano, Elia?”


Mme jaanong fa e le korong le garase le lookwane le weine tse mong wa me a di umakileng, a a di romele batlhanka ba gagwe.


Rona re tla rema ditlhare kwa Lebanone fela jaaka o di batla, re di go isetsa kwa Jafo mo lewatleng di patagantswe; wena o di tsee teng, o di ise kwa Jerusalema.”


Gonne kgosi e ne e na le dikepe tse di yang kwa Tharesise, di tsamaisiwa ke batlhanka ba ga Hurame. Dikepe tseo tsa Tharesise di ne di goroga mo gae gangwe mo ngwageng tse tharo, di tla di tshotse gouta le selefera le dinaka tsa tlou le dikgabo le diphikoko.


Mme ba neela babetli ba majwe le ba dikgong madi, ba neela ba Sitone le Tiro dijo le dino le lookwane gore ba tsee dikota tsa mesetere kwa Lebanone, ba di ise kwa lewatleng le kwa Jafo ka fa ba laetsweng ka teng ke Korese kgosi ya Peresia.


Ke fa Morena a raya Satane a re: “Go siame, tsotlhe tse a nang natso di mo diatleng tsa gago. Fela ene ka esi o se ka wa mo ntshetsa letsogo.” Satane a ba a tloga fa pele ga Morena.


Ya baa gona Satane a tlogang gape fa pele ga Morena, a betsa Jobe ka diso tse di bosula go simolola patong ya lonao go fitlha phogong ya gagwe.


Ba ba neng ba tsamaya mo lewatleng ka dikepe, ba bapala mo metsing a magolo,


la go senya mekoro yotlhe ya Tharesise le dilo tsotlhe tse di eletsegang mo matlhong.


Taelo ya Modimo ka ga Tiro. Goang, lona mekoro ya Tharesise. Gobane motse oo o sentswe; ga go na ntlo, go tla kwa gae ga go teng. Ba itsisitswe jalo ba le kwa lefatsheng la Khithime.


Ralala lefatshe la gago jaaka Nile, morwadia Tharesise; ga go tlhole go le kgoreletso epe.


Tshelelang kwa Tharesise; goang, lona baagi ba lefatshe le le fa lewatleng!


Ee, ditlhakatlhake di ntebeletse tse di etelelang pele ke mekoro ya Tharesise gore di tlise bomorwao go tswa kgakala; ba di tlisetsa leina la Morena, Modimo wa gago, Moitshepi wa Iseraele, gonne o a go galaletsa.


Selefera e e papetlilweng ba e tsere kwa Tharesise, le gouta kwa Ufase. Medimo ke tiro ya setswerere le ya diatla tsa mogakolosi. Masela a mabududu le a mahibidu ke diaparo tsa yona. Yotlhe ke tiro ya batlhalefi fela.


“Mme wena morwa motho, utlwa se ke se buang nao; se ganetse jaaka losika loo lwa baitaodi. Atlhama he, o je se ke se go nayang!”


“ ‘Ba Tharesise ba ne ba rekisanya nao ka ntlha ya bontsi jwa dithoto tsa gago; ba ntsha selefera la tshipi le thini le llota, ba reka dithoto tsa gago ka tsona.


Mowa wa ntsholetsa, wa ntlosa; ka tsamaya ke kgopisegile mo moweng ka botlhoko, ke imelwa ke seatla sa Morena.


Ke fa banna ba boifa segolo thata, ba mo raya ba re: “Ke eng se ò se dirileng?” Gonne ba ne ba itse gore o tshabile sefatlhego sa Morena, ka a ba boleletse.


a rapela Morena a re: “Ao, Morena, a ga ke a re jalo ke sa le mo lefatsheng la ga etsho? Ke ka moo ke neng ke itlhaganela go tshabela kwa Tharesise. Kana ke ne ke itse gore ò Modimo o o boitshwarelo le kutlwelo-botlhoko, o o bopelotelele le bopelotlhomogi jo bogolo, o o busang pelo mo bogaleng.


Mme Jesu a mo raya a re: “Ga go ope yo o ka nonofelang puso ya Modimo, fa e ka re a tshwere mogoma, a gadima kwa morago.”


Paulo ene a fitlhela go sa tshwanela gore a ye le bone, ka a ikgaogantse nabo kwa Pamefilia, mme a se ka a ya nabo tirong.


“Kgosi Ageripa, ke ka ntlha ya moo ke sa ganang go utlwa pono eo ya legodimo;


Jaanong go ne go le morutwa mongwe wa mosadi kwa Jope, yo leina la gagwe e leng Tabitha, fa go fetolwa ke go re Dorokase. Ene o ne a tletse ditiro tsa lorato, a atswa ba bantsi.


Ya re ka Lita a le gaufi le Jope, mme barutwa ba utlwa gore Petoro o teng, ba roma banna ba le babedi go ene, ba mo rapela ba re: “O se ka wa diega go tla go rona.”


Ga ba ga itsiwe mo Jope yotlhe, mme ba bantsi ba dumela mo Moreneng.


Petoro a tlhola malatsi a se kae mo Jope mo go Simone mongwe, mosugi wa matlalo.


Gonne fa ke rera Efangele, ga se se nka se ipokelang; gonne ke patelesegile go dira jalo; mme go ka latlhega nna, fa ke sa rere Efangele!


Ba tla boga petso, e bong tshenyego e e sa khutleng, e le ya go nna kgakala le sefatlhego sa Morena le kgalalelo ya thata ya gagwe,


le Majarekone le Rakone le naga e e lebaganyeng le Jafo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan