Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yone 1:12 - Setswana 1970

12 Ke fa a ba raya a re: “Ntseeng lo ntigele mo lewatleng; foo lewatle le tla kokobela mo tikologong ya lona. Gonne ke a itse gore ledimo le legolo le, le lo tletse ka ntlha ya me.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi a ba raea, ’N@uletsañ, mi ’ntigelañ mo leoatleñ; mi leoatle le tla lo ririmalela: gone kia itse ha moroalela o mogolu o, o go lona ka ’na.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Mme a ba raya a re: “Ntsayang lo ntatlhele mo lewatleng; jalo lewatle le tlaa lo sisibalela; gonne ke a itse fa ledimo le legolo le le mo go lona ka ntlha ya me.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yone 1:12
10 Iomraidhean Croise  

Ya re Dafita a bona moengele a ntse a bolaya batho ba morafe, a raya Morena a re: “Kana ke nna ke leofileng, ke nna ke sentseng, mme dinku tse, di dirileng? A letsogo la gago le ke le betse nna le ba lapa la ga rre!”


Mme Dafita a raya Modimo a re: “A ga se nna ke laetseng go bala morafe? Ke nna ke leofileng ka senya thata; mme dinku tse, di dirileng? Morena, Modimo wa me, ka thapelo a letsogo la gago le otle nna le ba lapa la ga rre, mme e seng morafe wa gago.”


Boikepo jwa gago bo senyetsa motho ka wena; tshiamo ya gago e thusa mongwe-ka-wena.


Botlhale bo gaisa dibolai tsa ntwa, mme moleofi a le mongwe fela o senya tse di molemo tse dintsi.


Ba be ba mmotsa ba re: “Re dire eng ka wena gore lewatle le kokobele mo tikologong ya rona?” Gonne lewatle le ne le ntse le huduegela pele.


Mme banna ba hudua gore ba busetse mokoro kwa lefatsheng, fela ba palelwa; gonne lewatle le ne le ntse le huduegela pele, le tlhabaganye le bone.


le gona ga lo akanye, fa go le molemo mo go lona gore motho a le mongwe fela a swele morafe, mme go se ka ga latlhega morafe otlhe.”


a nthaya a re: ‘Paulo, se boife! O tshwanetse go ema fa pele ga Kaisara; mme itse gore Modimo o tla pholosa botlhe ka ntlha ya gago ba ba etang nao mo mokorong.’


Baiseraele ba tla palelwa ke go ema fa pele ga baba ba bone. Ba tla tshaba baba ba bone, gonne ba hutsegile. Ga nkitla ke tlhola ke nna le lona, fa lo sa tlose tse di hutsitsweng mo go lona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan