Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yoele 3:9 - Setswana 1970

9 Tlhabang mokgosi mo ditšhabeng o o reng: Ipaakanyetseng ntwa, tsosang diganka, atamelang lo bolole, lona batlhabani botlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 ¶ Küa se mo meraheñ: Bakanyañ tlabano, cosañ ligañka, a batlabani ba atamele; ba tle botle:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Bolelang selo se mo merafeng; lo baakanyeng ntwa, tsosang diganka, a batlhabani botlhe ba atamele, ba tlhatloge.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yoele 3:9
16 Iomraidhean Croise  

Buang mo merafeng lo re: “Morena ke kgosi; o thaile lefatshe gore le se tshikinyege; o tla atlhola batho ka tshiamo.”


Lona ditšhaba, atamelang lo utlwe; lona merafe, tlhokomelang! A go utlwe lefatshe le tse di tletseng mo go lone; a go utlwe naga le tsotlhe tse di melang mo go yona!


Lona merafe, utlwang Lefoko la Morena, lo le utlwatse kwa ditlhakatlhakeng tse di kgakala lo re: ‘Yo o faladitseng Baiseraele o tla ba phutha gape, a ba disa jaaka modisa a disa letsomane la gagwe.’


“Tlhabang mokgosi mo ditšhabeng, lo bolele! Emisang sefoka, lo utlwatse! Se lobeng, mme lo re: ‘Babele o thopilwe! Modimo Bele o tlhabisitswe ditlhong, modimo Merotage o pšhwetlakantswe. Ditshwantsho tsa teng di nyatsegile, medimo ya teng e thubakantswe.’


“Lootsang metsu, lo tsee dithebe! Morena o tlhotlheleditse bogale jwa dikgosi tsa Bamedia; gonne o logetse Babele maano a go mo senya. Gonne ke yona pusoloso ya Morena, ke gona go busolosetsa Tempele ya gagwe.


“Tlhomang sefoka mo lefatsheng, lo letse lonaka mo ditšhabeng! Baakanyang ditšhaba gore di tlhasele ene Babele. Biletsang magosi a Ararate le a Mini le a Asekenase kwa go ene. Laelang molaodi wa batlhabani go lwa nae. Bolotsang dipitse tse di tshwanang le tsie ya molome.


Ba re: “Mmaakanyetseng tlhabano! Nanogang, a re bololeng e sa le motshegare! A tatlhego ya rona wee, gonne letsatsi le ngotlegile! Meriti e setse e le meleele.


Morena Modimo o bua jaana o a re: A ga ke re, ke wena yo ke buileng ka ga gago mo metlheng ya bogologolo ka batlhanka ba me, baporofeti ba Iseraele, ba ba neng ba bolelela pele ka dingwagangwaga tsele ba re: ‘Ke tla go ba bololetsa’?


Iketleetse, ò ipaakanye, wena le bontsi jotlhe jo bo kgobokanetseng kwa go wena; ò nne molaodi wa bone.


“Baporofeti ba ba timetsang morafe wa me, ba e a reng ba fiwa dijo, ba rere kagiso; mme yo o sa lokeleng sepe mo maganong a bone, ba mo tsosetsa ntwa e e boitshepo,” Morena o bua jaana ka ga bona a re:


Le gona ke tla roromisa ditšhaba tse tsotlhe, mme mahumo a a eletsegang a ditšhaba tsotlhe a tla tla; ke tla tlatsa Ntlo e kgalalelo,’ go bua Morena wa masomosomo.


Gonne ke tla phuthela ditšhaba tsotlhe kwa motseng wa Jerusalema gore di tlhabane le ona. Mme motse o tla thopiwa, matlo a thukhuthwa, basadi ba tlotlololwa. Bontlhanngwe jwa motse bo tla ya mo botshwarong, mme masalela a morafe ga a kitla a nyelediwa mo motseng.”


Mme Morena o tla bolola, a tlhabana le ditšhaba tseo, jaaka mo letsatsing le o a tleng a lwe ka lone, mo letsatsing la ntwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan