Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yoele 3:5 - Setswana 1970

5 Gonne lo tsere selefera ya me le gouta ya me le mahumo a mantle a me, lwa di isa kwa ditempeleng tsa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Ka gone lo tlositse selevera sa me le gouda ea me, mi lilo tsa me tse ri molemo, tse ri eletsegañ lo li isitse mo tempeleñ tsa lona:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 E re ka lo tshotse selefera sa me le gouta ya me, mme lo isitse dilo tsa me tse dintle, tse di eletsegang, mo ditempeleng tsa lona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yoele 3:5
15 Iomraidhean Croise  

Ke fa Joase kgosi ya Juta a tsaya dineo tse di boitshepo tsotlhe tse Josafate le Jorame le Ahasia borraagwe dikgosi tsa Juta ba neng ba di abetse Ntlo ya Morena le dineo tse di boitshepo tsa gagwe le gouta yotlhe e e mo dikhumong tsa Ntlo ya Morena le tsa ntlo ya kgosi, a di romela Hasaele kgosi ya Siria. Ya baa gona a tlogelang Jerusalema.


Ahase o bile a tsere selefera le gouta tse di neng di fitlhelwa mo Ntlong ya Morena le mo mahumong a ntlo ya kgosi a di romela kgosi ya Asiria e le mpho.


Kgosi ya Babele ya ba ya tsena mo motseng, ya ntsha teng mahumo otlhe a Ntlo ya Morena le mahumo a ntlo ya kgosi, ya thubaganya dilo tsotlhe tsa gouta tse di neng di dirilwe ke Salomo, kgosi ya Iseraele, mo Tempeleng ya Morena, jaaka go ne ga bua Morena.


Mo metlheng eo Morena o tla otlolola letsogo gape go rekolola masalela a morafe wa gagwe a a setseng kwa Asiria le kwa Egepeto le kwa Phatherose le kwa Ethiopia le kwa Elame le kwa Sineare le kwa Hamathe le kwa ditlhakatlhakeng tsa lewatle.


“Ka moo, bonang, malatsi a tla tla,” go bua Morena, “motlhang ba sa tlholeng ba re: ‘Ka bophelo jwa Morena yo o ntshitseng Baiseraele kwa lefatsheng la Egepeto!’


“Utlwelelang! Ba ba tshabileng, ba ba falotseng mo lefatsheng la Babele ba tlile kwa Sione, ba bega ba re: ‘Morena, Modimo wa rona, o busolositse, a busolosetsa Tempele ya gagwe.’


“Lootsang metsu, lo tsee dithebe! Morena o tlhotlheleditse bogale jwa dikgosi tsa Bamedia; gonne o logetse Babele maano a go mo senya. Gonne ke yona pusoloso ya Morena, ke gona go busolosetsa Tempele ya gagwe.


Ka moo rera, ò ba ree ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bonang, ke tla bula diphupu tsa lona, ke lo ntsha mo diphupung tsa lona, lona batho ba me, ke lo busetsa kwa lefatsheng la Iseraele.


Boemong jwa medimo eo e tla tlotla modimo wa metse e e femetsweng; mme modimo o borraa-yona ba neng ba sa o itse, e tla o tlotla ka gouta le ka selefera le ka majwe a a tlhokegang le ka dilo tse dintle.


“Mme mo thabeng ya Sione go tla nna pholoso, Sione e tla nna felo fa go boitshepo, mme ba ntlo ya Jakobe ba tla rua boswa jwa bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan