Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yoele 3:4 - Setswana 1970

4 “Le lona ba Tiro le Sitone le ba dinaga tsotlhe tsa Bafelesita, lo na le kgang efe le nna? A lo rata go mpusetsa se lo se diretsweng, gongwe a lo rata go ntirela bosula? Ke tla busolosetsa ditiro tsa lona mo ditlhogong tsa lona ka bofefo le ka bonako.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi le lona Tsura le Tsidona le meleloane eotle ea Filesitia, lo ’nñoke-tseñ? a lo tla ba lo ’nkhopolola? mi ha lo ka ’nkhopolola, ki tla akoha ki bosetsa khopololo ea lona mo tlogoñ tsa lona ka bonako;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 “Ee, lo a bo lo le eng mo go nna, lona Ture le Sitone, le mafatshe otlhe a Filisitia? A lo tlaa nnaya tuelo? Fa lo mme ntuela ke tlaa busetsa tuelo ya lona ka bofefo le ka bonako mo tlhogong ya lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yoele 3:4
24 Iomraidhean Croise  

Morena a dira jalo, a tsosetsa Jorame bogale jwa Bafelesita le jwa Baarabia ba ba bapileng le Baethiopia.


“O se ka wa itumela, wena lefatshe lotlhe la Bafelesita, ka thupa e e go iteileng e robilwe! Gonne mo lotsong lwa noga go tla tswa mokopa; leungo la ona e tla nna kgwanyape e e fofang.


Gonne Morena o beile letsatsi la pusoloso le ngwaga wa tefetso, e le go atlholela Sione.


O tla busetsa ka fa ditirong. O tla duela ba ba ganetsanyang nae ka kgalefo, baba ba gagwe ka pusoloso, mme ditlhakatlhake o tla di bolaisa se di se jeleng.


Lefoko la Morena le le tlileng kwa go moporofeti Jeremia ka ga Bafelesita, Farao a ise a thope motse wa Gasa.


ka ntlha ya letsatsi le le tlang go senya Bafelesita botlhe le go nyeletsa masalela otlhe a a ka thusang Tiro le Sitone. Gonne Morena o tla senya Bafelesita ba e leng masalela a setlhakatlhake sa Khafethore.


Tshabang lo tswe mo motseng wa Babele! A mongwe le mongwe a ipolokele bophelo jwa gagwe! E se re gongwe lwa nyelediwa ka ntlha ya molato wa ona. Gonne ke sona sebaka sa pusoloso ya Morena. O tla o bolaisa tse o di jeleng.


Lefatshe le roroma fa pele ga bona, magodimo a a tetesela; letsatsi le ngwedi di a fifala, dinaledi di gonyetsa phatsimo ya tsona.


Ke letsatsi la lefifi, la bontsho, ke letsatsi la maru le mouwane; morafe o e tla jaaka mahube a a adilweng mo godimo ga dithaba, ke morafe o mogolo o o thata. Ga go ise go nne teng o o tshwanang le ona go tswa bogologolo. Le gona ga go kitla go nna le o o tshwanang le ona go fitlha dinyageng tsa ditshika tsotlhe.


“A tatlhego ya gago wee, Gorasine! A tatlhego ya gago wee, Betsaita! Gonne fa ditiro tsa nonofo tse di dirilweng mo go lona, di ka bo di dirilwe mo Tiro le Sitone, ba ka bo ba sa bolo go ikwatlhaya, ba apere kgetse, ba ntse mo moloreng.


Mme ke lo raya ke re: E tla re ka letsatsi la katlholo petso ya lona e nne bogale go feta ya Tiro le Sitone.


“A tatlhego ya gago wee, Gorasine! A tatlhego ya gago wee, Betsaita! Gonne fa ditiro tsa nonofo tse di dirilweng mo go lona di ka bo di dirilwe mo Tiro le Sitone, ba ka bo ba sa bolo go ikwatlhaya, ba apere lesela la kgetse, ba ntse mo moloreng.


Fela petso ya lona mo katlholong e tla feta ya ba Tiro le Sitone.


A Modimo ona ga o nke o atlholela baitlhaolelwi ba ona ba ba o tlhaeletsang bosigo le motshegare, gongwe a o ka ba diegela?


Mme a wela fa fatshe, a utlwa lentswe le mo raya le re: “Saule, Saule, o mpogisetsang?”


go ya letsatsing la pusoloso le tefetso, go ya sebakeng se dinao tsa bone di tla thekeselang ka sona? Gonne letsatsi la tatlhego ya bone le gaufi; tse di tla ba welang di a itlhaganela.


ka gonne go siame mo Modimong gore o busetse ba ba lo pitlaganyang pitlaganyo,


Jaanong Ifetha a roma barongwi kwa kgosing ya Baamone a re: “O batlang mo go nna fa o tlile go ntlhabantshetsa lefatshe la me?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan