Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yoele 3:2 - Setswana 1970

2 ke kgobokanye ditšhaba tsotlhe, ke ba folosetse kwa mokgatsheng wa ga Josafate, ke sekise merafe teng foo ka ntlha ya morafe wa me le boswa jwa me, e leng Iseraele, ka ba ba phatlaladitse mo ditšhabeng, ba abelana lefatshe la me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ki tla phutha merahe eotle, mi ki tla e holosetsa mo mogorogoroñ oa ga Yehoshafate, mi ki tla sekisanya le eona gona kaga bathu ba me, le Bayeserela boshua yoa me, ba e ba halaleritseñ mo meraheñ, ea abalana hatse ya me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 ke tlaa phutha merafe yotlhe, ke tlaa e folosetsa mo molapong wa ga Jehošafate; ke tlaa ganetsanya nabo gone ka ga batho ba me, le ka ga boswa jwa me Baiseraele, ba ba ba faladitseng mo merafeng, mme ba kgaogana lefatshe la me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yoele 3:2
30 Iomraidhean Croise  

Mme ka letsatsi la bone ba phuthegela kwa Molapong wa Pako. Gonne ba ne ba baka Morena gona. Ke ka moo felo foo go teilweng leina la Molapo wa Pako go fitlhelela kajeno.


Ee, Morena o tla atlhola batho botlhe, a ba betsa ka molelo le ka tšhaka ya gagwe; ba ba bolailweng ke Morena e tla nna ba bantsi.


“Mme nna ke itse ditiro tsa bone le megopolo ya bone. Sebaka se e tla sa go kgobokanya ditšhaba tsotlhe le diteme tsotlhe. Di tla tla, di bona kgalalelo ya me.


Morena o buile jaana a re: “Merafe yotlhe e e bapileng le nna e e bosula e e amang boswa jo ke bo abetseng Iseraele, morafe wa me, bonang, ke tla e kumola mo dinageng tsa yona, le Bajuta ke tla ba kumola mo gare ga yona.


Loratla lwa ntwa lo tla utlwala go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe; gonne Morena o na le kgang le ditšhaba, o sekisa batho botlhe, mme baikepi o tla ba neela mo tšhakeng.’ Morena a re jalo.”


Ka ga Baamone. Morena o botsa jaana a re: “A Iseraele o tlhoka bana? Gongwe a ga a na moja-boswa? Ke go reng, fa modimo Milekome o ja boswa jwa Bagate; fa morafe wa ona o nna mo metseng ya bone?


“Iseraele ke nku e e faladitsweng; ditau di e lelekile. Wa ntlha yo o e jeleng ke kgosi ya Asiria. Wa bofelo yo o e robileng marapo ke Nebukatenesare, kgosi ya Babele.”


Morena Modimo o bua jaana o a re: “E re ka Bamoabe le ba kwa Seire ba bua ba re: ‘Bonang, Bajuta ba tshwana le baheitane botlhe!’


Dinku tsa me tsa kgarakgatshega mo dithabeng tsotlhe le mo mebotong yotlhe e e godimo. Dinku tsa me tsa falalediwa kwa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe, go se na yo o di tlhokomelang, le fa e le yo o di batlang.


“ ‘E re ka ò buile wa re: “Ditšhaba tse pedi le mafatshe a mabedi e tla nna tsa me; re tla di rua” – le fa Morena a le teng koo –


“Wena morwa-motho, rerela dithaba tsa Iseraele, ò di ree ò re: ‘Lona dithaba tsa Iseraele, utlwang Lefoko la Morena!


“Ka moo Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘Ruri, ke buile ka molelo wa lefufa la me ka ga masalela a ditšhaba le ka ga Etomo yotlhe, ba ba iphileng lefatshe la me go nna boswa ka boitumelo jwa pelo yotlhe le ka nyatso ya pelo gore ba leleke baagi ba lone, ba le thukhuthe dilo.’


Ke tla mmetsa ka leroborobo le ka tshololo ya madi; ke tla nesetsa pula e e gogolang le matlapa a sefako le molelo le sebabole mo go ene le mo mephatong ya gagwe le mo merafeng e mentsi e e nang nae.


“ ‘E tla re ka letsatsi leo ke neele Gogo felo ga mabitla mo lefatsheng la Iseraele, e leng mogorogoro wa baeti ntlheng ya botlhabatsatsi ya lewatle la letswai; mabitla a tla thibela baeti. Gogo le bontsi jotlhe jwa gagwe ba tla fitlhwa teng, go bidiwa “Mogorogoro wa makoko a ga Gogo”.


“A ditšhaba di nanoge, di ye kwa mokgatsheng wa ga Josafate; gonne teng koo ke tla nnela go atlhola ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong.


A bontsintsi jwa batho mo mokgatsheng wa katlholelo! Gonne go atametse letsatsi la Morena mo mokgatsheng wa katlholelo.


Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Etomo, le fa e le a mararo fela. Gonne o lateletse morwa-rraagwe ka tšhaka, a latlha bopelotlhomogi jotlhe jwa gagwe, a nna a mo senyetsa ka bogale jwa gagwe, a mo tlhoela ruri.


Mme bone ga ba itse megopolo ya Morena, ga ba lemoge maikaelelo a gagwe a gore o ba kgobokanya jaaka dingata tsa mabele mo seboaneng.


Morena a re: “Ka ntlha ya moo nteteng go fitlha letsatsing le ke tla tsogelang thopo ka lone; gonne katlholo ya me ke go phutha ditšhaba gore ke kgobokanye magosi go goromeletsa kgalefo ya me mo go tsona le bogale jwa me jotlhe jo bo tukang; gonne lefatshe lotlhe le tla jewa ke molelo wa lefufa la me.


Baditšhaba ba ne ba gakala; mme bogale jwa gago bo tsile, le nako ya baswi ya go atlholwa, ya go naya batlhanka ba gago tuelo, e bong baporofeti le baitshepi le ba ba boifang leina la gago, ba babotlana le ba bagolo, – ya go senya ba ba sentseng lefatshe.”


gonne ke mewa ya medemone e e dirang ditshupo, e ya kwa dikgosing tsa lefatshe lotlhe go di phuthela tlhabanong ya letsatsi le legolo la Modimo wa thata yotlhe.


Mewa eo ya phuthela dikgosi felong fa go bidiwang Haremagetone ka Sehebere.


Gonne ba tsholotse madi a baitshepi le a baporofeti, jaanong o ba nositse madi; gonne go ba tshwanetse.”


a bolole go timetsa merafe kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe, e bong Gogo le Magogo, go ba phuthela ntweng, ba palo ya bone e leng e e kana ka motlhaba wa lewatle.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan