Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yoele 3:12 - Setswana 1970

12 “A ditšhaba di nanoge, di ye kwa mokgatsheng wa ga Josafate; gonne teng koo ke tla nnela go atlhola ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 A merahe e coge, mi e bololele mogorogoro oa ga Yehoshafate: mi ki tla lula gona go sekisa merahe eotle tikologoñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 A merafe e itsose, e tle kwa molapong wa ga Jehošafate; gonne ke tlaa dula teng ke atlhola merafe yotlhe mo tikologong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yoele 3:12
17 Iomraidhean Croise  

Mme ka letsatsi la bone ba phuthegela kwa Molapong wa Pako. Gonne ba ne ba baka Morena gona. Ke ka moo felo foo go teilweng leina la Molapo wa Pako go fitlhelela kajeno.


fa go ntse jalo, a mmaba a nteleke, a ntshware, a gatakele bophelo jwa me mo mmung, tlotlo ya me a e latse mo leroleng. Sela.


gonne o e tla, o tsile go atlhola lefatshe; o tla atlhola lefatshe ka tshiamo le batho ka boammaaruri jwa gagwe.


fa pele ga Morena. Gonne o e tla go atlhola lefatshe. O tla atlhola lefatshe ka tshiamo, le batho ka tshwanelo.


O tla seka mo gare ga ditšhaba, a siamisa merafe e mentsi. Foo ba tla thula ditšhaka tsa bona megoma, ba fetola marumo a bona disekele. Setšhaba ga se nke se somole tšhaka go tlhabana le se sengwe. Ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tlhabano.


Taelo ya Modimo ka ga mogorogoro wa pono. Kana lo dirwa ke eng, fa lo palame lotlhe kwa godimo ga matlo?


Morena o tsogetse go seka; o eme gore a atlhole merafe.


Gonne letsatsi le gaufi, ruri, letsatsi la Morena le gaufi, letsatsi la maru! E tla nna sebaka sa go atlhola ditšhaba.


“ ‘E tla re ka letsatsi leo ke neele Gogo felo ga mabitla mo lefatsheng la Iseraele, e leng mogorogoro wa baeti ntlheng ya botlhabatsatsi ya lewatle la letswai; mabitla a tla thibela baeti. Gogo le bontsi jotlhe jwa gagwe ba tla fitlhwa teng, go bidiwa “Mogorogoro wa makoko a ga Gogo”.


A bontsintsi jwa batho mo mokgatsheng wa katlholelo! Gonne go atametse letsatsi la Morena mo mokgatsheng wa katlholelo.


ke kgobokanye ditšhaba tsotlhe, ke ba folosetse kwa mokgatsheng wa ga Josafate, ke sekise merafe teng foo ka ntlha ya morafe wa me le boswa jwa me, e leng Iseraele, ka ba ba phatlaladitse mo ditšhabeng, ba abelana lefatshe la me.


Mme o tla atlhola mo gare ga merafe e mentsi, a siamisetsa ditšhaba tse di thata go ya go fitlha kwa kgakala. Mme ba tla thula ditšhaka tsa bone megoma, ba fetola marumo a bone disekele. Setšhaba ga se nke se somola tšhaka go tlhabana le setšhaba se sengwe; ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tsa tlhabano.


Ka letsatsi leo maoto a gagwe a tla bo a eme mo Thabeng ya Diolefa e e lebaganyeng le Jerusalema, mo ntlheng ya botlhabatsatsi; mme Thaba ya Diolefa e tla phatloga go tloga bogareng jwa yona go ya kwa botlhabatsatsi le go ya kwa bophirimatsatsi, go be go tswa mokgatsha o mogolo thata; ntlha nngwe ya thaba e tla sutela kwa bokone, ntlha e nngwe ya yona kwa borwa.


Jaanong ka bona legodimo le butswe, ka ba ka bona pitse e tshweu, mme yo o e palameng a bidiwa Boikanyo le Boammaaruri, e le yo o atlholang ka tshiamo, e bile a tlhabana ka yona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan