Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yoele 2:8 - Setswana 1970

8 Ga ba thulane ba a tsamaya, mongwe le mongwe mo mmileng wa gagwe; ba a tlhasela, ba ralala marumo, ba ntse ba tlhomaganye.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Le gona ga lo khorometsanye; lo guanta, moñue le moñue mo tselaneñ ea gague: mi ha lo oela mo marumoñ ga lo khamologane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Le gone mongwe ga a kgorometse yo mongwe; ba tsamaela gongwe, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe, ba sotlhomele mo dibolaong fela ka thata, ga ba kgaogane mo go sepeleng ga bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yoele 2:8
11 Iomraidhean Croise  

A ba a emisa batho botlhe, ba tshwere marumo ka diatla go tloga sekhutlong sa Tempele sa borwa go fitlha sekhutlong sa Tempele sa bokone fa gare ga aletare le Tempele gore ba nne mo tikologong ya kgosi.


Hesekia a ba a nna pelokgale a aga lobota lotlhe lo lo neng lo thubilwe, a aga dinaka tsa phemelo mo godimo ga lone le lobota lo longwe ka kwa ntle, a tiisa kago ya phemelo ya Milo mo motseng wa ga Dafita, a dira dibolai ka bontsi le dithebe.


ba ba neng ba aga lobota. Mme ba ba neng ba rwala merwalo ba rwala makete. Ba tshwere tiro ka seatla se sengwe le sebolai ka se sengwe.


Mme nna ka nosi le ba ga etsho le batlhanka ba me le banna ba ba disang ba ba ntshetseng morago ra bo re sa apole diaparo tsa rona bosigo. Mongwe le mongwe a tshotse lerumo la gagwe le metsi.


gore o boloke mowa wa gagwe, a se ka a ya lebitleng, le bophelo jwa gagwe gore bo se ka jwa nyelela ka lerumo.


Mme fa ba sa utlwe, ba tla nyelela ka lerumo ba tla swa ba se na kitso.


tsie ga e na kgosi, mme segopa sotlhe sa yona se bolola ka thulaganyo;


Tse di tlhogileng mo go wena ke tshimo ya digaranata ya maungo a a monatenate le dithunya le ditlhatshana tsa monkgo o o monate.


go se yo o lapileng, go se yo o kgopiwang mo go bona. Ga ba otsele, ga ba robale. Meitlamo ya matheka a bone ga e funologe; dikgole tsa ditlhako tsa bone ga di kgaoge.


Ba tla taboga jaaka diganka, ba palama lobota lwa motse jaaka batlhabani, ba tsamaya, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe, ba sa fapoge mo mebileng ya bona.


Ba wela motse, ba siana godimo ga lobota, ba palama matlo, ba tsena ka difenstere jaaka legodu.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan