Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yoele 2:5 - Setswana 1970

5 Ba tlola mo ditlhoeng tsa dithaba, ba utlwala jaaka dikoloi tse di kgothoselang le jaaka kgabo ya molelo o o tutumang, fa o ja dirite, le jaaka morafe o o thata o o iketleeleditseng tlhabano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Lo tlolela yaka morumo oa licariota mo tloreñ tsa lithaba, yaka tutumo ea khabu e e nyeletsañ lirine, yaka bathu ba ba nonohileñ ba ba rulagan-yericoeñ tlabano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Go tlola ga bone go ntse jaaka modumo wa dikara, mo godimo ga dithaba go ntse jaaka modumo wa kgabo ya molelo fa e ja dirite, jaaka batho ba ba thata fa ba abetswe go tlhabana.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yoele 2:5
9 Iomraidhean Croise  

A o e matlisa jaaka tsie? Pudulo ya yona e e mabela e a boitshega.


Ke fa morafe o phatlalala le lefatshe lotlhe la Egepeto go kgobokanya dirite boemong jwa lotlhaka.


Morena o tla utlwatsa tumo ya maru ya borena jwa gagwe, a bonatsa go itaya ga letsogo la gagwe ka bogale jo bo tukang le ka kgabo ya molelo o o nyeletsang le ka ledimo le ka pula ya sephaphathela le ka matlapana a sefako.


Ke gona ka moo modi wa bone o tla bolang, sethunya sa bone se tla tlhatloga e le lerole, jaaka kgabo ya molelo e ja dirite le jaaka tlhaga e kokobelela mo molelong; gonne ba latlhile molao wa Morena wa masomosomo, ba nyatsa lefoko la Moitshepi wa Iseraele.


Ba tshwere mara le marumo; ba setlhogo, ga ba utlwele ope botlhoko. Loratla lwa bone lo tshwana le mosumo wa lewatle. Ba palame dipitse. Ba iketleeditse jaaka batlhabani gore ba lwe nao, wena morwadia Babele.


o tshwere seoloso ka letsogo, mme o tla feela seboana sa gagwe gotlhe; o tla phuthela mabele a gagwe mo sefaleng, mme moko a o tshuba ka molelo o o sa kakeng wa tingwa.”


Ya bo e na le difemela-sehuba tse di ntseng jaaka tsa tshipi, mosumo wa diphuka tsa yona o ntse jaaka loratla lwa dikoloi tsa dipitse di le dintsi tse di bololelang ntwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan