Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yoele 2:2 - Setswana 1970

2 Ke letsatsi la lefifi, la bontsho, ke letsatsi la maru le mouwane; morafe o e tla jaaka mahube a a adilweng mo godimo ga dithaba, ke morafe o mogolo o o thata. Ga go ise go nne teng o o tshwanang le ona go tswa bogologolo. Le gona ga go kitla go nna le o o tshwanang le ona go fitlha dinyageng tsa ditshika tsotlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Tsatsi ya lehihi le ya boncu, tsatsi ya maru le ya lehihi ye le kuenneñ, yaka phepabalo e e halalañ mo lithabeñ: loshaba lo logolu lo lo nonohileñ; yaka le bogolugolu go e si go ke go ne, mi go si kitla go tlola go na yalo morago ga lona, le go ea kua nyageñ tsa kokomana li lintsi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Motlha wa lefifi le letobo, motlha wa maru le lefifi le le kwenneng, jaaka bosa fa bo sela le dithaba; batho ba ba tšhaba e kgolo e e thata, ga go ise go ke go nne e e tshwanang nabo, le gone ga go ketla go tlhola go nna epe morago ga bone, go ya fela dinyageng tsa dikokomana di le dintsi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yoele 2:2
34 Iomraidhean Croise  

Mo pelong ya gagwe o ithaya a re: “Ga ke na go tshikinyega, ke mongwe yo ke se kitlang ke wela mo tlalelong go ya bokhutlong.”


Maru le lefifi di mo dikanyeditse; tshiamo le molao ke mothao wa sedulo sa gagwe sa bogosi.


Tsie ya tlala ka lefatshe lotlhe la Egepeto, ya nna mo nageng yotlhe eo, e le segopa se segolo thata, se pele ga sona go iseng go ke go tle tsie e e kana ka yona; le gona morago ga sona ga e kitla e tlhola e tla gape e le kalo.


E tla tlala mo matlong a gago le mo matlong a batlhanka botlhe ba gago le mo matlong a Baegepeto botlhe; e le tsie e borraago le borraago-mogolo ba iseng ba ke ba e bone, fa e sale ba nna mo lefatsheng go fitlha letsatsing la kajeno.’ ” Ke fa a retologa, a tswa, a tlogela Farao.


Mme morafe wa emela kgakala, Moše ene a atamela leru le le kwenneng le Modimo o neng o le mo go lone.


Ba tla rora godimo ga Iseraele ka letsatsi leo jaaka go suma ga lewatle; mme motho o tla leba lefatshe, a fitlhela lefifi le tlalelo fela; lesedi le fifaditswe ke maru a lefatshe.


ba be ba lebe lefatshe, mme ba tla fitlhela tlalelo le lefifi fela, ba leleketswe mo bontshong le mo pitlaganong le mo lefifing.


Neelang Morena, Modimo wa lona, tlotlo, a ise a tlise lefifi; dinao tsa lona di ise di kgotšwe mo dithabeng ka lotlatlana. Foo lo tla lebelela lesedi, mme o le fetola moriti wa loso, o le dira lefifi le legolo.


Jaanong ya re malatsi a mantsi a sena go feta, Morena a nthaya a re: “Nanoga o ye kwa nokeng ya Ferathe, o tsee moitlamo teng o ke neng ke go laetse go o fitlha gona.”


“Heelang! Lona lotlhe, bafeti tseleng, lebang tlhe, lo bone: A go teng botlhoko jaaka jwa me jo bo ntirafaletseng jo ke otlilweng ke Morena ka jona ka letsatsi la bogale jo bo tukang jwa gagwe?


E tla re ò swa, ke sire legodimo, ke fifatse dinaledi, ke khurumetse letsatsi ka maru; le ngwedi ga o nke o ntsha lesedi la ona.


Modisa o tlhokomela letsomane la gagwe ka letsatsi le ka lone a leng mo gare ga dinku tsa gagwe tse di neng di phatlaletse, ke tla tlhokomela dinku tsa me jalo, ke di pholosa mo mafelong otlhe kwa di phatlalaletseng teng ka letsatsi la maru le lefifi.


O tla bolola jaaka ledimo, ò atamela jaaka leru le le dumang, ò tla saila mo lefatsheng, wena le mephato yotlhe ya gago le merafe e mentsi e e nang nao.’


“Ka sebaka seo go tla nanoga Migaele, kgosana e kgolo ele, go sireletsa bana ba morafe wa gago. E tla nna sebaka sa tlalelo se se iseng se ke se nne teng go tloga ka tlholego ya batho go fitlha nakong eo. Ka sebaka seo go tla pholosiwa morafe wa gago, e bong botlhe ba ba fitlhelwang ba kwadilwe mo lokwalong.


O dirafaditse mafoko a ona a o a buileng ka ga rona le ka ga babusi ba rona ba ba neng ba re busa, ka go digela tatlhego e kgolo mo go rona, e e iseng e ke e dirafale fa tlase ga letsatsi, jaaka e dirafaletse Jerusalema kajeno.


Gonne setšhaba se se thata se se se nang palo se tlile mo lefatsheng la me; meno a sona a tshwana le a tau; se na le meno a ditlhaa jaaka tau e namagadi.


Ke tla lo busetsa tsa dinyaga tsele tse di jelweng ke boijane le segongwane le molome le tsie, e leng lesomo le legolo la me le ke neng ke le rometse kwa go lona.


Letsatsi le tla fetoga lefifi, ngwedi o tla fetoga madi, go ise go tle letsatsi la Morena le legolo, le le boitshegang.


Ba tlola mo ditlhoeng tsa dithaba, ba utlwala jaaka dikoloi tse di kgothoselang le jaaka kgabo ya molelo o o tutumang, fa o ja dirite, le jaaka morafe o o thata o o iketleeleditseng tlhabano.


“Le lona ba Tiro le Sitone le ba dinaga tsotlhe tsa Bafelesita, lo na le kgang efe le nna? A lo rata go mpusetsa se lo se diretsweng, gongwe a lo rata go ntirela bosula? Ke tla busolosetsa ditiro tsa lona mo ditlhogong tsa lona ka bofefo le ka bonako.


Gonne bonang, ene yo o bopang dithaba, a tlhola phefo, a itsise batho maikaelelo a gagwe, a dira mahube le lefifi, a gata mo mafelong a a kwa godimo a lefatshe: Leina la gagwe ke Morena Modimo wa masomosomo.


Didimalang fa pele ga Morena Modimo, gonne letsatsi la Morena le gaufi; Morena o baakantse setlhabelo, a itshepisa balalediwi ba gagwe.


Mme ka letsatsi leo go tla bo go se na lesedi; dinaledi tse di phatsimang di tla fifala.


gonne ka sebaka seo go tla nna pitlagano e kgolo, e e iseng e ke e nne go tswa mo tshimologong ya lefatshe go tla nakong eno; le gona ga go kitla go tlhola go nna jalo le ka motlha ope.


Gonne malatsi ao e tla nna a pitlagano, jaaka go ise go ke go nne go tloga ka tshimologo ya tlholego e Modimo o e tlhodileng go tla nakong eno; le gona ga go nke go tlhola go nna jalo ka motlha ope.


“Gopolang malatsi a bogologolo, tlhokomelang dinyaga tsa ditshika tsotlhe. Botsa rraago, o tla go itsise, le banna bagolo ba ga eno ba tla go bolelela.


Gonne ga lo a tla fa thabeng e e ka angwang le e seng fa molelong o o tukang le e seng fa bontshong, le e seng fa lefifing le e seng fa ledimong,


Ke makhubu a lewatle a a gwasang, ba phoka mafulo a ditlhong tsa bone; ke dinaledi tse di kailang, ba boloketswe bontsho jwa lefifi ka bosakhutleng.


A bula molete o o se nang bolekanngo, ga ba ga tlhatloga musi mo moleteng jaaka musi wa pesetso e kgolo; letsatsi le loapi tsa fifadiwa ke musi wa molete.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan