Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yoele 2:12 - Setswana 1970

12 Mme Morena a re: “Le jaanong boelang kwa go nna ka bojotlhe jwa pelo tsa lona, le ka go itima go ja le ka selelo le ka khutsafalo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 ¶ Mi yana, go bua Yehova, boelañ go ’na ka pelu tsa lona cotle; ka pisho go ya, le ka selelo, le ka khutsahalo:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 “Le gompieno,” go bua Jehofa, “retologelang mo go nna ka pelo yotlhe, le ka go ikitsa go ja, le ka go lela, le ka go hutsafala.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yoele 2:12
39 Iomraidhean Croise  

Mme e rile Dafita a sena go bala batho, a itewa ke letswalo. Ke fa Dafita a raya Morena a re: “Ke leofile thata ka se ke se dirileng. Mme jaanong, Morena, a ko o itshwarele molato wa motlhanka wa gago; gonne ke dirile bosilo jo bogolo.”


Batabogi ba ya kwa Baiseraeleng le Bajuteng botlhe ba tshotse dikwalo tse di tswang mo kgosing le mo dikgosaneng tsa yona, ba bua ka fa taelong ya kgosi ba re: “Lona Baiseraele, boelang kwa Moreneng, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Iseraele, gore a tle a boele kwa masaleleng a lona a a falotseng mo diatleng tsa dikgosi tsa Asiria.


foo o utlwe o le kwa legodimong, o itshwarele boleo jwa motlhanka wa gago le jwa morafe wa gago wa Baiseraele – kana o ba ruta tsela e e siameng e ba tshwanetseng go sepela mo go yona – o nesetse lefatshe la gago pula le o le neileng morafe wa gago go nna boswa.


“Yaa o phuthe Bajuta botlhe ba ba mono Susane, lo itime dijo ka ntlha ya me, lo se ka lwa ja, lo se ka lwa nwa malatsi a le mararo bosigo le motshegare; le nna le basetsana ba me re tla itima dijo jalo; morago ga moo ke tla tsena kwa kgosing, le fa e se ka fa molaong. Fa ke bolawa, ke tla bolawa.”


Mme Morena a raya Moše a re: “Raya Baiseraele o re: ‘Lona lo morafe wa dithamo tse di gagametseng. Fa nka ya le lona sebakanyana fela, ke ne ke tla lo fedisa. Jaanong rolang mekgabo ya lona. Foo ke tla akanya se nka se lo direlang.’ ”


Ya re ka letsatsi leo Morena, Modimo wa masomosomo, a ba biletsa selelong le khutsafalong le go ipeoleng le go apareng diaparo tsa boikwatlhao,


Bonang, lo itima dijo ka go tsosa kgang le ntwa le ka go kitla ka letswele le le bosula. Go itima dijo ga lona kajeno ga se mo go ka utlwatsang mantswe a lona kwa legodimong.


Boang, lona bomorwaaka ba lo tenegileng! Ke tla alafa boikepo jwa lona!” – “Re fano, re e tla kwa go wena. Gonne o Morena, Modimo wa rona.


Ka gongwe ba tla ikokobetsa ka mekokotlelo fa pele ga Morena, ba tlhabologa, ba boa, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe; gonne bogale bo bogolo le kgalefo e kgolo tse Morena o bopetseng morafe o ka tsona.”


Morena a re: “Fa o rata go tlhabologa, Iseraele, o ka boela kwa go nna. Fa o tlosa maila a gago fa pele ga me, ga o na go ntshaba.


Mme fa o ikana ka boammaaruri le ka tshiamo le ka tshwanelo o re: ‘Ka Morena yo o phelang!’ foo ditšhaba di tla itshegofatsa ka ene, di itumisa ka ene.”


Ba ree ò re: ‘Morena Modimo o buile wa re: Ka bophelo jwa me! Ga ke kgatlhwe ke loso lwa moikepi. Se se nkgatlhang ke fa moikepi a tlogela tsamao ya gagwe, a phela. Boang, lo tlogele ditsela tse di bosula tsa lona! Lo ratelang go swa, lona Baiseraele?’


Ka lebisa sefatlhego kwa Moreneng Modimo go dira thapelo le mokokotlelo ka go itima go ja le go apara kgetse, ke ntse mo moloreng.


Mme Morena, Modimo wa masomosomo, leina la gagwe le le tumileng ke Morena.


Mme wena, boela Modimong wa gago, o dirise lorato le tshiamo, o solofele mo Modimong wa gago ka tlhomamo.


Iseraele, tlhabologela kwa Moreneng, Modimo wa gago, gonne o ole ka tshiamololo ya gago.


“ ‘Tlayang, a re boeleng kwa go Morena, gonne ke ene yo o garotseng, mme o tla re fodisa; ke ene yo o iteileng, mme o tla re fapa.


Itlameng, lo lele, lona baperesiti, lona badiredi ba aletare! Tlaang lo lale lo apere diaparo tsa khutsafalo, lona ba lo direlang Modimo wa me; gonne Ntlo ya Modimo wa lona e timiwa ditshupelo tsa dijo le dino.


le go botsa baperesiti ba Ntlo ya Morena wa masomosomo le baporofeti go re: “A re na le go lela mo kgweding ya botlhano le go ilela jaaka re setse re dirile ka dinyaga tse dintsintsi?”


“Raya morafe otlhe wa lefatshe le baperesiti o re: ‘A e rile fa lo ilela, lo hutsafala mo kgweding ya botlhano le ya bosupa ka dinyaga tse di 70, lwa bo lo ilela ka ntlha ya me?


“Lekang he go kopa bopelotlhomogi mo Modimong lo re: ‘A o ko o re itshwarele!’ – Kana dilo tse di ntseng jalo di tswa mo diatleng tsa lona! – A o tla nna bopelonomi le lona?” go botsa Morena wa masomosomo.


mme ke ne ke rerela ba ba mo Damaseko pele, ke bile ke bolelela le ba ba kwa Jerusalema le ba naga yotlhe ya Jutea le Baditšhaba gore ba fetoge pelo, ba sokologele Modimong; ba dire ditiro tse di tshwanetseng boikwatlhao.


E rile moengele wa Morena a sena go bolelela Baiseraele botlhe mafoko ao batho ba tlhatlosa mantswe, ba lela;


Ke fa batlhabani botlhe ba Iseraele ba tlhatlogela kwa Bethele, ba nnela go lela teng fa pele ga Morena, ba itima dijo ka letsatsi leo go ya mantsiboeng, ba direla Morena ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo.


Mme Samuele a raya Baiseraele botlhe a re: “Fa lo rata go boela kwa Moreneng ka pelo yotlhe, tlosang medimo e sele e e mo gare ga lona le boAšethorethe, lo ineele Morena ka dipelo tsa lona, lo mo direle a le esi; foo o tla lo pholosa mo diatleng tsa Bafelesita.”


Ke fa ba phuthegela kwa Mitsepha, ba ga metsi, ba a tshololela fa pele ga Morena, ba itima dijo ka letsatsi leo, ba ipobola teng ba re: “Re leofetse Morena.” Mme Samuele a siamisa Baiseraele kwa Mitsepha.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan