Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yoele 1:7 - Setswana 1970

7 Se sentse setlhare sa moweine sa me, se robile setlhare sa feie sa me, se se obotse makwati go gotlhe, sa a latlha. Dikala tsa sona di ditshweu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Lo sentse movina oa me, mofeige oa me, lo o robile: lo o hotletse rure, loa o latla; kala tsa ona li shueuhetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 O kgakgabaditse mofine wa me, o kgobotse feige ya me makwati, o e kgoboletse ruri, o e latlhile, dikala tsa yone di ditshweu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yoele 1:7
12 Iomraidhean Croise  

A itaya meweine ya bone le mefeie ya bone, a robaka ditlhare tsa naga ya bone.


Tsie ya tlala ka lefatshe lotlhe la Egepeto, ya nna mo nageng yotlhe eo, e le segopa se segolo thata, se pele ga sona go iseng go ke go tle tsie e e kana ka yona; le gona morago ga sona ga e kitla e tlhola e tla gape e le kalo.


Ya khurumetsa lefatshe lotlhe, mo lefatshe le se kang la tlhola le bonala; ya ja dimela tsotlhe tsa lefatshe le maungo otlhe a ditlhare tse di sadisitsweng ke sefako; ga se ka ga sala botala bope mo ditlhareng le mo go tse di medileng tsa naga mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.


Matute a moweine a a hutsafala, moweine o a swaba, botlhe ba ba pelo-di-thabileng ba a fegelwa.


Itshwareng diledu lo lelele masimo a mantle le moweine o o ungwang sentle,


Ke tla e senyetsa ruri, e se ka ya tlokotlwa, e se ka ya tlhagolwa, mme go tlhoge mesu le ditshetlho teng. Ke tla laola maru gore a se ka a e nesetsa pula.


“ ‘Ke tla ba phutha, ke ba tlosa,’ ” go bua Morena. “ ‘Moweine ga o na maungo; setlhare sa feie ga se na difeie; ee, matlhare a a swaba. Le gona ke tla ba neela bagateledi.’ ”


Ke tla senya setlhare sa moweine le sa feie tsa gagwe tse a rileng: ‘Ke tuelo e ke e filweng ke dinyatsi tsa me.’ Ke tla di fetola sekgwa se se jewang ke diphologolo tsa naga.


Setlhare sa moweine se omeletse, sa feie se swabile; le sa garanata le sa mokolane le sa apole le ditlhare tsotlhe tsa naga di omeletse; boitumelo bo tlogile jalo mo bathong.


“Ke lo beditse ka phori le ka mongadule mo mabeleng; le gona tsie e jele masimo a lona le masimo a meweine a lona le ditlhare tsa difeie le tsa diolefa tsa lona gantsi, mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena.


Le fa setlhare sa feie se sa tlhoge, le fa go se maungo mo ditlhareng tsa moweine, le fa phulo ya setlhare sa olefa e swabisa, le fa masimo a sa ntshe dijo, le fa dinku di feleletse mo sakaneng, le fa go se dikgomo mo marakeng:


“Mme ke tla thibela seji mo go lona gore se se ka sa lo senyetsa dijwalo tsa masimo; le gona setlhare sa moweine ga se kitla se tlhoka go lo ungwela,” go bua Morena wa masomosomo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan