Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yoele 1:2 - Setswana 1970

2 Utlwang, lona banna bagolo! Sekegang ditsebe, lona baagi botlhe ba lefatshe! A selo se, se kile sa dirafala mo metlheng ya lona, gongwe mo sebakeng sa borraeno?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Utluañ ye, lona bagolu, mi lona banni ba lehatse lotle, sekegañ tsebe. A seo se se rihegetse mo malatsiñ a lona? leha e le mo malatsiñ a bo‐rra enu?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Utlwang se, lona bannabagolo, lo sekegeng tsebe, lona banni botlhe ba lefatshe! A selo se, se kile sa nna mo metlheng ya lona, kgotsa mo metlheng ya borraeno?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yoele 1:2
24 Iomraidhean Croise  

Ga twe: Botlhale bo mo go ba ba tlhogo-di-pududu. Bontsi jwa malatsi bo tlisa tlhaloganyo.


Ba ba tlhogo-di-pududu le batsofe le rona re na nabo; ke ba malatsi a mantsi bogolo go rraago.


Ke ka ntlha ya eng, fa baikepi ba ka phela, ba be ba tsofala le go tia nonofong?


Ee, a ko o botse batho ba kgale, o ele tlhoko se borraabo ba se tlhotlhomisitseng!


Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi.


Lona ditšhaba, atamelang lo utlwe; lona merafe, tlhokomelang! A go utlwe lefatshe le tse di tletseng mo go lone; a go utlwe naga le tsotlhe tse di melang mo go yona!


“Mme wena le morafe wa gago le ntlo ya ga rraago Morena o tla lo tlisetsa malatsi a a iseng a ke a tle go tloga ka letsatsi le Eferaime o kgaoganyeng le Juta ka lone: A a tlisa ka kgosi ya Asiria.


Ijoo! Kana letsatsi leo ke le legolo! Ijoo! Ga go na le le tshwanang nalo! Ke sebaka sa tlalelo mo go Jakobe, mme o tla gololwa mo go yona.


A ko lo utlwe, lona dieleele tse di se nang tlhaloganyo! – Ba na le matlho, mme ga ba bone; ba na le ditsebe, mme ga ba utlwe.


“Ka sebaka seo go tla nanoga Migaele, kgosana e kgolo ele, go sireletsa bana ba morafe wa gago. E tla nna sebaka sa tlalelo se se iseng se ke se nne teng go tloga ka tlholego ya batho go fitlha nakong eo. Ka sebaka seo go tla pholosiwa morafe wa gago, e bong botlhe ba ba fitlhelwang ba kwadilwe mo lokwalong.


Utlwang Lefoko la Morena, lona Baiseraele! Gonne Morena o na le kgang le baagi ba lefatshe, ka gore ga go na boammaaruri le e seng lorato le e seng kitso ya Modimo mo lefatsheng.


“Utlwang fa, lona baperesiti! Elang tlhoko, lona Baiseraele! Sekegang ditsebe, lona ba kgosing! Gonne kotlo e lebanye lona, ka lona lo ne lo le digole tsa Mitsepha le matloa a a thaisitsweng mo Thabore,


Bayang sebaka sa go itima go ja, bitsang phuthego, lo phuthele banna bagolo le baagi botlhe ba lefatshe kwa Ntlong ya Morena, Modimo wa lona, lo goeleng kwa Moreneng.


Ke letsatsi la lefifi, la bontsho, ke letsatsi la maru le mouwane; morafe o e tla jaaka mahube a a adilweng mo godimo ga dithaba, ke morafe o mogolo o o thata. Ga go ise go nne teng o o tshwanang le ona go tswa bogologolo. Le gona ga go kitla go nna le o o tshwanang le ona go fitlha dinyageng tsa ditshika tsotlhe.


Utlwang lefoko le, le Morena a le buileng ka ga lona Baiseraele; ka ga losika lotlhe lo a lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, a re:


Utlwang lefoko le, lona dikgomo tse dinamagadi tsa Basane tse di mo thabeng ya Samaria; lona ba lo gatelelang batlhoki, ba lo pitlaganyang bahumanegi, ba lo rayang beng ba lona lo re: “Tlisang re nwe!”


Utlwang lefoko la sefela sa selelo se ke lo lelelang ka sona, lona Baiseraele, ke re:


Utlwang, lona merafe yotlhe! Tlhokomela, wena lefatshe, le lona dilo tse di mo go lone! Morena Modimo o tla supa ka ga lona, Morena a le mo Tempeleng e e Boitshepo ya gagwe.


Ke ne ka re: “A ko lo utlweng, lona ditlhogo tsa Jakobe le lona dikgosana tsa Baiseraele! A ga lo a tshwanela go itse tshiamo?


A ko lo utlwe fa, lona ditlhogo tsa ntlo ya Jakobe, le lona dikgosana tsa Baiseraele, ba lo tenwang ke tshiamo, ba lo sokamisang tsotlhe tse di siameng!


“Yo o nang le ditsebe a a utlwe!”


gonne ka sebaka seo go tla nna pitlagano e kgolo, e e iseng e ke e nne go tswa mo tshimologong ya lefatshe go tla nakong eno; le gona ga go kitla go tlhola go nna jalo le ka motlha ope.


“ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego! Yo o fenyang ke tla mo naya go ja setlhare sa bophelo se se mo Parateiseng ya Modimo.’


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan