Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yobe 7:6 - Setswana 1970

6 Malatsi a me a potlaka bogolo go morutse wa mologi; a feta fela, ke sa bone se ke se solofetseng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Metsi ea me e harima bogolu go selogi sa monyedi, mi e nyelela e sina tebelelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Malatsi a me a bofefo bogolo go selogi sa monyedi, a feta fela a se na tsholofelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yobe 7:6
23 Iomraidhean Croise  

Malatsi a me a fetile ka lobelo lwa go sia motabogi; a tshabile a ise a bone tse di molemo.


Tse ke di lebeletseng di kae? Tse ke di solofelang di bonwa ke mang?


Gonne: “Nama yotlhe e ntse jaaka bojang, kgalalelo yotlhe ya motho e ntse jaaka sethunya sa bojang. Bojang bo a swaba le sethunya se tlhotlhorege,


Moikepi o digwa ke bosula jwa gagwe, mme mosiami o na le botshabelo motlha a swang.


Motho o tshwana le pudulo fela; malatsi a gagwe a feta jaaka moriti.


Malatsi a me a fetile. Maano a me a senyegile a pelo ya me e a tlhoafaletseng.


Lona ba lo sa itseng tsa kamoso, botshelo jwa lona ke eng? Kana lo mouwane fela o o a tleng o bonale ka sebakanyana fela, o tloge, o nyelele.


Gonne e a re letsatsi le tlhaba ka mogote o o fisang, le swabise bojang, mme sethunya sa jona se tlhotlhorege, bontle jwa sebopego sa sona bo nyelele: Mohumi le ene o tla nyelela jalo mo metsamaong ya gagwe.


mo metlheng eo lo ne lo se na Keresete, lo le kwa ntle ga morafe wa Modimo wa Iseraele, lo le baeng mo dikgolaganong tsa tsholofetso, lo se na tsholofelo epe, lo se na Modimo mo lefatsheng.


ka ntlha ya kgalefo ya gago le kgakalo ya gago; gonne o ntsholeditse, wa ntatlhela fa fatshe.


Gonne go setse dinyaga di se kae, mme ke tla wela mo tseleng, ke sa boe.


Bonang, o ka mpolaya, ga ke na tsholofelo; fela ditsela tsa me ke tla di ikarabela fa pele ga ona.


Ke eng se se ka nthatafatsang gore ke itshoke? Ke kae kwa nka isiwang teng gore ke se fele pelo?


Thibela dinao tsa gago gore ditlhako tsa gago di se ka tsa tšhomoga, le mometso wa gago gore o se ka wa oma. Mme o a re: ‘Ga go kgonege! Nnyaya! Kana ke rata baeng, ke tla ba latela.’


Ka moo, itlameng matheka a maikutlo a lona, lo nne tekano, lo tlhome tsholofelo ya lona ka botlalo mo bopelotlhomoging jo lo bo tsisediwang ka ponatshego ya ga Jesu Keresete.


Metsi a gotlha mafika, merwalela ya ona a gogola mmu wa lefatshe: Le tsholofelo ya motho o a e nyeletsa jalo.


Di fologela dikgorong tsa felo ga baswi, fa go robetswe mmogo leroleng.”


O nthutlile gotlhegotlhe, ke a tloga; o kumotse tsholofelo ya me jaaka setlhare.


“Mowa wa me o a fela, malatsi a me a a tima; ke lebitla fela le le ntshaletseng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan