Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yobe 7:4 - Setswana 1970

4 E re fa ke ya go robala, ke re: ‘Ke tla tsoga leng?’ Mme bosigo e nne jo boleele; ke lapisiwe ke go tlhobaela go ya bo be bo se.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Eare ki itelega, ki re, Ki tla coga leñ, mi bosigo bo tla sia leñ? mi ki tletse liphetekhano go ea phepahaloñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 E tle e re ke itelega, ke a tle ke re: ‘Ke tlaa tsoga leng?’ Mme bosigo bo nne boleele; ke tlale diphethekgano go tsamaye bosigo bo se.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yobe 7:4
9 Iomraidhean Croise  

Bosigo ba bo dira motshegare ba re: ‘Lesedi le gaufi, le fa go ntse go le lefifi fela.’


Ke fetlhwa marapo otlhe bosigo; matlhoko a a jang mo go nna ga a didimale.


Ke ikela jaaka moriti o o otlologang maitsiboa, ke tlhotlhorilwe jaaka tsie.


Mowa wa me o lebeletse Morena go gaisa badisa, fa ba lebeletse moso, ee, go gaisa badisa, fa ba lebeletse moso.


Gonne mo losong ga o gopolwe; ke mang yo o tla go lebogang kwa felong ga baswi?


Fa ke gopola Modimo, ke fegelwe; fa ke akanya, mowa wa me o nne mo maibing. Sela.


“Wena yo o tlhomolang pelo, yo o tebelwang ke ledimo, yo o sa gomodiwang, bona, ke tla tshwaraganya mafika a dipota tsa gago ka mmu o o phatsimang; ke thaya metheo ya gago ka mafika a matala.


Mo mosong o tla re: ‘E kete go ka bo go le maitsiboa.’ Maitsiboa o re: ‘E kete go ka bo go le moso,’ ka ntlha ya poifo ya pelo ya gago e o tla boifang ka yona le ka ntlha ya tsona tse o tla di bonang ka matlho.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan