Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yobe 7:2 - Setswana 1970

2 Molala o lelela moriti; yo o sebeletsang tuelo o emela tuelo ya gagwe:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ki cuana le motlañka eo o hegeleloañ moroti, le yaka molalerioi eo o lebelelañ tuelo ea tiho ea gague:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Jaaka motlhanka yo o eletsang thata go bona moriti go feta, le jaaka mothapiwa yo o lebeletseng tuelo ya gagwe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yobe 7:2
11 Iomraidhean Croise  

Jaanong Hemore a bua nabo a re: “Šegeme morwaake o kgomaretse morwadia-lona ka pelo yotlhe. A ko lo mo mo nee gore e nne mosadi wa gagwe.


“Bophelo jwa motho fatsheng a ga se go tlhabana? Malatsi a gagwe a ga a tshwane le a motlhanka yo o sebeletsang tuelo ya letsatsi?


Ke ruile jalo dikgwedi tse di swabisang, ka abelwa masigo a a lapisang.


Ke kopolola molomo, ke kgalegile; gonne ke tlhologeletswe ditaelo tsa gago.


Ke otlololela mabogo kwa go wena, mowa wa me o go nyoretswe jaaka lefatshe le le omeletseng. Sela.


Ba re: “Mmaakanyetseng tlhabano! Nanogang, a re bololeng e sa le motshegare! A tatlhego ya rona wee, gonne letsatsi le ngotlegile! Meriti e setse e le meleele.


“ ‘O se ka wa gatelela mongwe-ka-wena le e seng go mo thukhutha; yo o rapetsweng letsatsi o se ka wa lala o sa mo duela.


Ke fa Morena a tlhogisa mokhure gore o okame Jona, o mo direle moriti mo tlhogong, o mo tlose mo ngalong ya gagwe. Mme Jona a itumelela mokhure oo thata thata.


“Ke tla lo atamela ka tshekiso ke le mosupi yo o bobebe, ke betsa badiri ba mereo ya boloi le ba ba itshepololang nyalo le ba ba ikanang ka maaka, le ba ba gatelelang badiredi ba bone mo tuelong le motlholagadi le khutsana, le ba ba siamololelang moeng, ba sa mpoife,” go bua Morena wa masomosomo.


mme o mo nee tuelo ya gagwe ka letsatsi la teng, letsatsi le ise le phirime; gonne o humanegile, mme pelo ya gagwe e e nyoretswe, e se re gongwe a goela Moreneng ka ntlha ya gago, mme ga nna boleo mo go wena.


Bonang, tuelo ya badiri ba ba robileng masimo a lona, e lo ganneng ka yona, e a kua, le go goa ga barobi go tsenye mo ditsebeng tsa Morena wa masomosomo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan