Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yobe 4:3 - Setswana 1970

3 Kana ke wena o rutileng ba bantsi, wa tiisa diatla tse di repileng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Bona, u kaetse bontsi, mi u thataharitse liatla tse ri repileñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Bona, o rutile batho ba le bantsi, o thatafaditse diatla tse di bokoa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yobe 4:3
21 Iomraidhean Croise  

gonne ke mo tlhophile gore a laele bana ba gagwe le ba lapa la gagwe morago ga gagwe gore ba sepele mo tseleng ya Morena, ba dire ka tshiamo le ka tshwanelo gore Morena a tle a tlisetse Aborahame tse a di mo solofeditseng.”


Ba be ba dira Moletlo wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa ka boitumelo; gonne Morena o ne a ba itumedisitse, a sokololetse pelo ya kgosi ya Asiria kwa go bone go tiisa mabogo a bone mo tirong ya Ntlo ya Modimo, Modimo wa Iseraele.


Nka bo ke lo nonotsha ka molomo wa me; kutlwelo-botlhoko ya mafoko a me e ka bo e kokobetsa tlalelo ya lona.


Ya re fa tsebe e nkutlwa, e ntshegofatse; e re fa leitlho le mpona, le supe ka ga me,


Ke ne ke le matlho a sefofu le maoto a segole.


Ke ne ke le rra-bahumanegi; ka lotolotsa kgang ya tsheko ya yo ke sa mo itseng.


Ba ne ba tle ba ntheetse ba ntebelele; kgakololo ba e utlwe ka go didimala.


Yo o kgopiwang, mafoko a gago a mo tsositse, wa nonotsha mangole a a kgwetlhang.


Molomo wa mosiami o jesa ba bantsi, mme dieleele di tla swa ka go tlhoka tlhaloganyo.


Melomo ya matlhale e utlwatsa kitso, mme dipelo tsa masilo ga di na nnete.


Yo o pelo e botlhale o tla bidiwa motlhalefi; mafoko a a bonolo a tsweledisa thuto pele.


Nonotshang diatla tse di repileng! Tiisang mangwele a a kgwetlhang!


Morena Modimo o mphile loleme lwa yo o rutegileng gore ke itse go lapolosa yo o lapileng ka mafoko; o ntsosa mo mosong mongwe le mongwe, o nthibolola tsebe gore ke utlwe jaaka barutwa.


“ ‘E re ka lo boifisitse dipelo tsa basiami ka maaka, tse nna ke neng ke sa rate go di utlwisa botlhoko; lwa tiisa diatla tsa baikepi gore ba se ka ba tlogela ditsela tsa bone tse di bosula, le gore ba se ka ba phedisiwa,


Ka letsatsi leo go tla tewa Jerusalema go twe: “Se boife! Sione, a diatla tsa gago di se ka tsa repa!


mme nna ke go rapeletse gore tumelo ya gago e se khutle. Mme wena e re o sena go sokologa, o tiise bakaulengwe ba gago.”


Jaanong ga bonala moengele kwa go ene, a tswa legodimong, a mo thatafatsa.


A go se tswe lefoko lepe le le maswe mo melomong ya lona; a go tswe fela le le agang ka fa go batlegang ka teng gore le tshegofatse ba ba le utlwang.


Mme laya Jošua, o mo tiise, o mo nonotshe; gonne ene o tla tshela, a etelela morafe o pele, a ba jesa lefatshe boswa le o tla le bonang.’


A ka metlha yotlhe mafoko a lona e nne a bopelontle, a a lokilweng ka letswai, gore lo itse ka fa lo tshwanetseng go araba mongwe le mongwe ka teng.


Ka ntlha ya moo tiisang diatla tse di repileng le mangole a a kgwetlhang.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan