Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yobe 3:1 - Setswana 1970

1 Morago ga moo Jobe a tswa molomo, a rogaka letsatsi la botsalo jwa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MORAGO ga mouo Yobe a tumolola molomo oa gague, a roga tsatsi ya gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Morago ga moo Jobe a tswa molomo, a hutsa letsatsi la gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yobe 3:1
12 Iomraidhean Croise  

Fela a ko o otlolole letsogo, o ame tsotlhe tse a nang natso. Foo ruri o tla go itatola a lebaganye nao.”


Mo go tsotlhe tseo Jobe a se ka a leofela Modimo le e seng go dira sepe se se bosula.


ba tla, ba nna nae fa fatshe masigo a supa le malatsi a supa, go se na ope wa bone yo o buang lefoko nae, ka gonne ba bona botlhoko jwa gagwe e le jo bogolo thata.


Fela a ko o otlolole letsogo, o ame marapo a gagwe le nama ya gagwe. Foo ruri o tla go itatola a lebaganye nao.”


Jobe a simolola go bua a re:


“A letsatsi le nyelele le ke tsetsweng ka lone le bosigo jo go tilweng go ithwelwe ngwana wa mosimane!


Jobe o tumolola molomo go bua tsa boithamako; o bua tse dintsi a se na kitso.”


Gonne ba ne ba ganetsanya le Mowa wa ona, mo Moše a bileng a bua ka molomo se se sa mo tshwanelang.


A tatlhego ya me wee, mma, fa o mpelege ke le monna wa kgang le ntwa mo lefatsheng lotlhe. Ga ke a adima ope, ga ke a adingwa ke ope, mme ba nthogaka botlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan