Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yobe 1:3 - Setswana 1970

3 O ne a ruile difutshane di le 7 000 le dikammele di le 3 000 le dipholo tse di gogang di le 1 000 le diesele tse dinamagadi di le 500; le batlhanka ba bantsintsi. Monna yoo o ne a le mogolo go feta botlhe ba ba agileng ntlheng ya botlhabatsatsi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi lithuo tsa gague, e le le liñku li seven thousanda, le likamela li teri thousanda, le likhomu tsa liiokoe li faeve hundereda, le liesela tse ri namagari li faeve hundereda, le batlañka ba le bantsi bogolu: mi monona eo a bo a le mogolu bogolu go ba Iseta botle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Dithuo tsa gagwe le tsone e le dinku di le 7 000, dikamela di le 3 000, dipholo tsa dikgomo e le tsa bojokwe ba le 500, diesela tse dinamagadi di le 500, ba ntlo ya gagwe ba le bantsi thata; jalo monna yoo a bo a feta bana botlhe ba kwa botlhabatsatsi ka bogolo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yobe 1:3
34 Iomraidhean Croise  

Ene a direla Aborame tse di molemo ka ntlha ya gagwe, a bona dinku le dikgomo le diesele le makgoba a banna le a basadi, le diesele tse dinamagadi le dikammele.


Aborame a tsaya Sarai, mosadi wa gagwe, le Lote, morwa monnawe, le dithuo tsa bone tse ba di bonyeng le makgoba a ba a rekileng kwa Harane. Ba huduga go ya kwa lefatsheng la Kanana, ba be ba fitlha kwa lefatsheng la Kanana.


Jaanong lefatshe la bo le sa ba lekane go ka nna mmogo, gonne dithuo tsa bone di ne di le dikgolo; ka moo ba palelwa ke go nna mmogo.


Morena o tshegofaditse mongwake gagolo, a nna mogolo; a mo naya dinku le dikgomo le selefera le gouta le batlhanka le malata le dikammele le diesele.


Fa e le bomorwa bagadingwana ba Aborahame o neng a na nabo, a ba abela dineo, a ba kgaoganya le Isaka morwawe, Aborahame a sa ntse a phela gore ba ye kwa botlhabatsatsi kwa lefatsheng le le ntlheng ya botlhabatsatsi.


Jakobe a wela tseleng, a ya kwa lefatsheng la ba botlhabatsatsi.


e bong dipodi di le 200 le diphoko di le 20 le dinku di le 200 le diphelehu di le 20


A ga se gore matsomane a bone le dithoto tsa bone le diruiwa tsotlhe tsa bone e tla nna tsa rona? A re dumelaneng nabo gore ba nne le rona.”


Mohumi a bo a na le dinku le dikgomo tse dintsi thata.


Botlhale jwa ga Salomo bo ne bo gaisa botlhale jwa batho botlhe ba kwa botlhabatsatsi le botlhale jotlhe jwa Egepeto.


Mme Menaheme a kgethisa Baiseraele madi ao, e bong bahumi botlhe gore monna a le mongwe a nee kgosi ya Asiria dišekele di le 50 tsa selefera. Ke fa kgosi ya Asiria e boa, ya se ka ya nna mo lefatsheng la Baiseraele.


Mme Meša kgosi ya Moabe e ne e le morui wa dinku; a kgethela kgosi ya Iseraele dikwana di le 100 000 le boboa jwa diphelehu di le 100 000.


Mookamedi wa dikammele e ne e le Obile wa Moisemaele; mme mookamedi wa diesele tse dinamagadi e ne e le Jedia wa kwa Meronothe.


A ba a aga difata tsa go disa kwa nageng ya mafulo, a epa mekwele e mentsi; gonne o ne a na le diruiwa tse dintsi mo nageng e e kwa tlase le mo leboeng le balemi ba masimo le ba masimo a meweine kwa dithabeng le kwa motseng wa Karemele, ka a rata tiro ya masimo.


A ba a itirela metse le leruo le legolo la difutshane le dikgomo; gonne Modimo o ne o mo tshegofaditse ka dithoto tse dintsi thata.


A ga ke re, wena o mo sireleditse sentle, ene le lapa la gagwe le tsotlhe tse o nang natso mo ntlheng tsotlhe? Ditiro tsa diatla tsa gagwe o di tshegofaditse, diruiwa tsa gagwe tsa ata mo lefatsheng.


Bomorwawe ba ne ba tle ba direlane meletlo mongwe le mongwe mo lapeng la gagwe ka letsatsi la gagwe; le gona ba rome, ba laletse bokgaitsadia-bone ba bararo gore ba je, ba nwe nabo.


Fa lo re: ‘Lelapa la morena yo o ikgantshang le kae? Ntlo e kae e baikepi ba neng ba nna mo go yona?’


Ka itumela go ya kwa go bone, ka nna nabo ke le tlhogo, ka dula jaaka kgosi mo gare ga batlhabani, ke le yo o gomotsang ba ba pelo-di-botlhoko.


fa ke itumeletse khumo ya me e kgolo le papalo e kgolo ya seatla sa me,


Nka bo ke mo ikarabela dikgato tsa me, ke mo atamela jaaka kgosana.


Morena a ba a fetola tatlhego ya ga Jobe, fa a rapelela ditsala tsa gagwe, mme tsotlhe tse Jobe a neng a na natso pele Morena a di mmusetsa gabedi.


Mme Morena a tshegofatsa Jobe go tloga jaanong bogolo go metlha ya pele: A rua difutshane di le 14 000 le dikammele di le 6 000 le dipholo tse di gogang di le 2 000 le diesele tse dinamagadi di le sekete.


Tshegofatso ya Morena ke yona e e humisang; matsapa a motho ga a e okeletse sepe.


Ka ga Ketare le magosi a Hasore a a neng a fenngwa ke Nebukatenesare, kgosi ya Babele. Morena o bua jaana a re: “Bololang, lo tlhasele Ketare, lo gatelele ba ba kwa botlhabatsatsi.


Ke fa Bileame a tlhaba loboko lwa gagwe a re: “Balake o romile go ntsaya kwa Siria, kgosi ya Moabe ya mpitsa ke le kwa dithabeng tsa botlhabatsatsi ya re: ‘Tlaya o nkhutsetse Jakobe, tlaya o roge Iseraele!’


E ne ya re fa Baiseraele ba sena go jwala, go tlhage Bamidiane le Baamaleke le ba kwa botlhabatsatsi, ba ba tlhasele,


Gonne ba ne ba tle ba tlhage ka diruiwa tsa bone le ka ditente tsa bone, ba tle jaaka segopa sa tsie, mo ba sa ka keng ba balwa le fa e le dikammele tsa bone; ba tle mo lefatsheng go le senya.


Mme Bamidiane le Baamaleke le botlhe ba kwa botlhabatsatsi ba bo ba robetse mo lebaleng jaaka segopa sa tsie; dikammele tsa bone e le tse di se nang palo, di le kana ka motlhaba o o fa losing lwa lewatle.


Seba le Salemuna ba ne ba le kwa Karekore, ba na le mephato ya bone, e ka nna banna ba le 15 000; bone e le botlhe ba ba setseng ba mephato yotlhe ya ba kwa botlhabatsatsi. Gonne ba ba bolailweng e ne e le banna ba le 120 000 ba ba neng ba tshwere tšhaka.


Jaanong go ne go le monna kwa Maone, mme diruiwa tsa gagwe di le kwa motseng wa Karemele. Monna yoo o ne a humile thata, a na le dinku di le 3 000 le dipodi di le 1 000. A bo a beola dinku tsa gagwe kwa Karemele.


Mme e ne ya re fa Dafita a itaya lefatshe leo, a se ke a rekegele monna ope gongwe mosadi, a ba amoge dinku le dikgomo le diesele le dikammele le diaparo, a be a boe a fitlhe kwa go Agiše.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan