Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 9:3 - Setswana 1970

3 Mme e rile baagi ba Gibeone ba sena go utlwela tse Jošua a di diretseng Jerigo le Ai,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 ¶ Mi ka banni ba Gibeona ba utlua se Yehoshue o se rihileñ Yeriko, le Ai.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 E rile banni ba Gibeone ba utlwela se Jošua o ne a se diretse Jeriko le Ai,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 9:3
17 Iomraidhean Croise  

Abenere morwa Nere o kile a bolola kwa Mahanaime, a na le batlhanka ba ga Isebosethe morwa Saule, a tla kwa Gibeone.


le Isemaya wa kwa Gibeone mogale mo go ba ba 30 le molaodi wa ba ba 30; le Jeremia le Jahasiele le Johanane le Josabate wa kwa Ketera


a ba a ya kwa thoteng ya tlhabelo ya Gibeone, a na le phuthego yotlhe; gonne teng go ne go le Tempelana ya Boipontsho ya Modimo, e Moše motlhanka wa Morena o neng a e dirile kwa sekakeng.


E rile ka ngwaga ona oo, mo tshimologong ya puso ya ga Setekia, kgosi ya Juta, ya re ka ngwaga wa bone mo kgweding ya botlhano Hananya, morwa Asure, moporofeti wa kwa Gibeone, a nthaya mo Ntlong ya Morena, baperesiti ba le teng le batho botlhe, a re:


Atoni-Seteke, kgosi ya Jerusalema a utlwa go twe, Jošua o thopile motse wa Ai, a dirafatsa khutso ya Modimo mo go ona; a direla Ai le kgosi ya teng jaaka a diretse Jerigo le kgosi ya gona, le gore baagi ba Gibeone ba dirile kagiso le Baiseraele, ba nna mo gare ga bone.


Ke fa a boifa thata; gonne Gibeone e ne e le motse o mogolo jaaka mongwe wa metse ya dikgosi; gonne o ne o le mogolo bogolo go Ai, le banna botlhe ba ona e ne e le bagale.


Le gona Jošua a thopa motse wa Maketa ka letsatsi leo, a o itaya ka bogale jwa tšhaka, a dirafatsa khutso ya Modimo mo kgosing ya ona le mo go ona le mo bathong botlhe ba ba neng ba le mo go ona, a sa sadise ope go ka falola. A dira kgosi ya Maketa se o kileng a se dira kgosi ya Jerigo.


Le ona Morena a o neela mo diatleng tsa Baiseraele le kgosi ya ona; Jošua a o rema ka bogale jwa tšhaka le batho botlhe ba ba neng ba le mo go ona, a sa sadise ope mo go ona go ka falola, a dira kgosi ya ona se o kileng a se dira kgosi ya Jerigo.


Ga go a ka ga nna motse ope o o neng wa dira kagiso le Baiseraele, fa e se Bahewi ba ba agileng kwa Gibeone, mme ba thopa lefatshe lotlhe ka tlhabano.


Le Gibeone le Rama le Beerothe


Mo lotsong lwa Benyamene ba newa motse wa Gibeone le mafulo a ona le wa Geba le mafulo a ona


Gonne e rile Baiseraele ba fetela pele, ba fitlha kwa metseng ya bone ka letsatsi la boraro; metse ya bone e le Gibeone le Kefira le Beerothe le Khiriathe-Jearime.


Ke fa Jošua a ba bitsa, a bua nabo a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo re tsieditse lwa re, lo kgakala thata le rona, etswe lo agile mo gare ga rona?


le bone ba loga maano, ba itshwantshanya le baeti, ba tsaya dikgetse tse di onetseng, ba di belesa diesele tsa bone, le makuka a weine a a onetseng a a gagogileng a a dibatabata.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan