Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 8:4 - Setswana 1970

4 a ba laela a re: “Bonang, lona lo lalele motse mo ntlheng ya bophirimatsatsi. Se katogeng motse thata, lo nne lo o iketleeleditse lotlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi a li laola, a re, Bonañ, lo lalele motse, eboñ kua morago ga motse: lo si kakologele motse khakala, mi lo itletsege lotle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Jalo a ba laola, a re: “Bonang, lo tlaa lalela motse fa morago ga motse; lo se ka lwa nna kgakala bobe le motse, lo bo lo iketleeditse lotlhe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 8:4
14 Iomraidhean Croise  

Kgosi ya tsoga bosigo ya raya batlhanka ba yona ya re: “A nke ke lo bolelele se Basiria ba se re diretseng: Ba itse gore re bolawa ke tlala, mme ba ne ba tswa mo bothibelelong go ya go iphitlha kwa nageng ba re: ‘E tla re ba tswa mo motseng, re ba tshware fela, re sa ba bolae, re be re tsene mo motseng.’ ”


Mme Jerobeame a potolosa balaledi gore ba ba pote ka kwa morago. Ba bo ba lebaganye le Bajuta jalo, mme balaledi ba le kwa morago ga bona.


Botlhale bo tiisa motlhalefi bogolo go balaodi ba le some ba ba mo motseng.


Ka ba ka re: “Botlhale bo gaisa boganka.” Mme botlhale jwa mohumanegi bo a nyadiwa, le mafoko a gagwe ga a tsewe tsia.


“O se ka wa ba utlwa; gonne o laletswe ke banna ba ba fetang 40 ba bone, ba ikanne ka khutso gore ga ba kitla ba ja le e seng go nwa, ba ise ba mmolae; mme jaanong ba ipaakantse, ba letile tumelelo ya gago.”


Ke fa banna botlhe ba ba mo motseng ba kuiwa gore ba ba latele; mme ya re ba ntse ba latela Jošua, ba katoga motse.


Jošua a bolola jalo le banna botlhe ba batlhabani go ya kwa Ai; Jošua a ba a tlhaola banna ba le 30 000 ba bagale ba mephato, a ba roma bosigo,


Jaanong Baiseraele ba beela Gibea balaledi mo tikologong.


Jaanong banna botlhe ba Iseraele ba tloga fa ba neng ba le teng, ba ya ba ikemisa kwa Baale-Thamare; le balaledi ba Iseraele ba tswa mo felong ga bone, ba tlhagelela mo lebaleng la sekgwa sa Geba;


Ke fa Babenyamene ba lemoga gore ba fentswe. Kana Baiseraele ba ne ba sutetse Babenyamene, ka ba ne ba ikanya balaledi ba ba ba beetseng Gibea.


Ka moo beng ba Šegeme ba mmeela balaledi mo ditlhoeng tsa dithaba gore ba thukhuthe mongwe le mongwe yo o fetang fa go bone mo tseleng, mme Abimelege a sebelwa tseo.


Jaanong o tsoge bosigo, wena le batho ba ba nang nao, o ba lalele mo nageng.


Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Ke tla beletsa Baamaleke se ba kileng ba se direla Baiseraele fa ba ba thibela tsela, jale fa ba tswa kwa Egepeto.


Ya re Saule a fitlha kwa mošate wa Baamaleke a baya balaledi mo molapong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan