Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 8:2 - Setswana 1970

2 O direle Ai le kgosi ya teng jaaka o diretse Jerigo le kgosi ya teng. Fela thopo ya teng le diruiwa tsa teng lo ka di ithopela. Beela motse balaledi mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya ona.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi u rihele Ai le khosi ea ona yaka u rihetse Yeriko le khosi ea ona: thopo ea ona, le likhomu tsa ona lo li ikhapele cosi: lo bele motse talelo morago ga ona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 O direle Ai le kgosi ya gone jaaka o diretse Jeriko le kgosi ya teng; fa e se thopo ya gone, le dikgomo tsa teng; tseo lo di itseele e le thopo; o tle o beele motse balaledi fa morago ga one.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 8:2
27 Iomraidhean Croise  

Mme Jerobeame a potolosa balaledi gore ba ba pote ka kwa morago. Ba bo ba lebaganye le Bajuta jalo, mme balaledi ba le kwa morago ga bona.


Mme ya re fa ba simolola go duduetsa le go baka, Morena a ntsha balaledi ba ba lwang le Baamone le Bamoabe le ba dithaba tsa Seire ba ba neng ba tlile go tlhasela Bajuta, mme ba bolayana.


Bona, o lekantse malatsi a me ka dikatlhamo tsa seatla; sebaka sa bophelo jwa me ga se sa sepe fa pele ga gago. Ee, motho mongwe le mongwe yo o leng teng ke wa lefelafela la mmatota. Sela.


Yo o molemo o tlogelela bana ba bana boswa, mme dithoto tsa moleofi di bolokelwa mosiami.


Monna yo o ikanyegang o tla bona ditshegofatso tse dikgolo, mme yo o potlakelang go huma ga a nke a tlhoka kotlo.


Motho yo o phuthang khumo ka tshiamololo o tshwana le lesogo le le thuthusang mae a e seng a lone. O na le go e tlogela mo gare ga malatsi a gagwe; mme la bofelo o tla nna lesilo fela.


Tlhomang sefoka se se lebaganyeng le dipota tsa Babele. Tiisang balebedi. Emisang batlhodi. Laelang balaledi. “Gonne tse Morena o di ikaeletseng o bile o a di dirafatsa, e leng tse o bopetseng baagi ba Babele ka tsona.


Ra ithopela diruiwa fela le thopo ya metse e re e thopileng.


Fela basadi le bana le diruiwa le tsotlhe tse di mo motseng, e bong thopo yotlhe ya ona o e ithopele, o je thopo ya baba ba gago e Morena, Modimo wa gago, o e go neileng.


Mme Morena a nthaya a re: ‘Se mmoife, gonne ke mo neetse mo seatleng sa gago le morafe otlhe wa gagwe le lefatshe la gagwe gore o mo direle jaaka o diretse Sihone, kgosi ya Baamori yo o neng a agile kwa Hešebone.’


Atoni-Seteke, kgosi ya Jerusalema a utlwa go twe, Jošua o thopile motse wa Ai, a dirafatsa khutso ya Modimo mo go ona; a direla Ai le kgosi ya teng jaaka a diretse Jerigo le kgosi ya gona, le gore baagi ba Gibeone ba dirile kagiso le Baiseraele, ba nna mo gare ga bone.


Le gona Jošua a thopa motse wa Maketa ka letsatsi leo, a o itaya ka bogale jwa tšhaka, a dirafatsa khutso ya Modimo mo kgosing ya ona le mo go ona le mo bathong botlhe ba ba neng ba le mo go ona, a sa sadise ope go ka falola. A dira kgosi ya Maketa se o kileng a se dira kgosi ya Jerigo.


Thopo yotlhe ya metse eo le diruiwa Baiseraele ba di ithopela; fela batho botlhe bone ba ba bolaya ka bogale jwa tšhaka ga tsamaya ba ba fedisa, ba sa sadise ope yo o phelang.


Ba dirafatsa khutso ya Modimo mo go tsotlhe tse di neng di le mo motseng. Ba bolaya banna le basadi, ba bašwa le batsofe le dikgomo le difutshane le diesele ka bogale jwa tšhaka.


Mme o ne a beile banna ba ba ka nnang 5 000 mo talelong fa gare ga Bethele le Ai mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya motse.


Ya re kgosi ya Ai e lemoga jalo, banna ba motse ba itlhaganela, ba phakela, ba bolola go kgatlhantsha Baiseraele go lwa nabo, e le yona le morafe otlhe wa yona gore ba thulane fa thoko ga lebala la Joretane. Mme ya bo e sa itse gore a go na le ba ba ba laletseng ka kwa morago ga motse.


balaledi ba tloga mo felong ga bone ka pele, ba siana, fa a otlolola letsogo ba tsena mo motseng, ba o thopa, ba akofa ba o tshuba ka molelo.


Jaanong ya re Baiseraele ba sena go fetsa go bolaya baagi botlhe ba Ai mo nageng le mo sekakeng, kwa ba neng ba ba latetse teng, fa ba sena go bolawa botlhe ka bogale jwa tšhaka ga tsamaya ba felelela, Baiseraele botlhe ba boela kwa Ai, ba mmolaya ka bogale jwa tšhaka.


Jošua a bolola jalo le banna botlhe ba batlhabani go ya kwa Ai; Jošua a ba a tlhaola banna ba le 30 000 ba bagale ba mephato, a ba roma bosigo,


lona lo tloge lo tswe mo talelong, lo be lo thope motse. Morena, Modimo wa lona, o tla o neela mo diatleng tsa lona.


Mme e re lo sena go thopa motse, lo o tshube ka molelo. Dirang ka fa lefokong la Morena! Bonang, ke lo laotse jalo.”


Jošua a ba roma jalo, ba ya kwa talelong, ba nna fa gare ga Bethele le Ai mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya Ai. Jošua a lala mo gare ga banna bosigo joo.


Mme e rile baagi ba Gibeone ba sena go utlwela tse Jošua a di diretseng Jerigo le Ai,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan