Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 8:1 - Setswana 1970

1 Morago ga moo Morena a raya Jošua a re: “Se boife o se tshoge! Tsaya banna botlhe ba batlhabani, ba ye nao; o tloge o ye kwa Ai. Bona, ke neetse kgosi ya Ai mo diatleng tsa gago le morafe wa yona le motse wa yona le naga ya yona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI Yehova a raea Yehoshue, U si boihe, mi u si rerege: tsaea batlabani botle nau, mi nanoga, ea Ai: bona, ki tsentse khosi ea Ai, le bathu ba eona, le motse oa eona, le lehatsi ya eona, mo atlen sa gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Jehofa a raya Jošua a re: “Se boife, le gone o se ka wa tseana; tsaya batho botlhe ba ntwa, o nanoge o ye kwa Ai; bona, kgosi ya Ai ke e tsentse mo seatleng sa gago, le batho ba yone, le motse wa yone, le lefatshe la yone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 8:1
24 Iomraidhean Croise  

Pesalome ya ga Dafita. Morena ke lesedi la me le pholoso ya me; ke tla boifa mang? Morena ke botshabelo jwa bophelo jwa me; ke tla tshoga mang?


O lelekile merafe ka letsogo la gago, mme bona wa ba tlhoma; o sentse ditšhaba, mme bona wa ba anamisa.


“Khutlang lo itse, fa ke le Modimo; ke mogolo mo merafeng, ke mogolo mo lefatsheng.”


Bonang, Modimo ke pholoso ya me. Ke tla o ikanya, ke sa boife sepe. Gonne Modimo Morena ke thata ya me le sefela sa me, o bile o diregile pholoso ya me.”


Fa o tshela metsi, ke na nao; le dinoka, ga di na go go tsaya. Fa o ralala molelo, ga o nke o šwa; kgabo ga e nke e go fisa.


“Mme wena Jakobe, motlhanka wa me, se boife; wena, Iseraele, se tshoge! Gonne bona, ke tla go pholosa o le kwa kgakala, le ba losika lwa gago mo lefatsheng la botshwaro jwa bone. Jakobe o tla boa, a thagama, a iketla, go se na yo o mo tshosang.


“Goa, wena Hešebone, gonne Ai o sentswe! Bokolelang, lona metsana ya Raba, lo apare masela a bohutsana, lo lelele baswi, lo kgarakgatshege mo dipoteng, gonne Milekome o tla ya mo botshwarong mmogo le baperesiti ba gagwe le dikgosana tsa gagwe.


O fetola metlha le dinako; dikgosi o a di tlosa, dikgosi o a di tlhoma. O naya batlhalefi botlhale; ba ba nang le tlhaloganyo o ba nee kitso.


Wena o tla lelekwa mo bathong, o nna le diphologolo tsa naga, o fudisiwa bojang jaaka dikgomo, o kolobediwa ke monyo wa legodimo, o fetwa ke dipaka tse supa go fitlhelela o itse, fa Mogodimodimo a na le thata mo bogosing jwa motho, a bo neela yo a ratang go bo mo neela.


Baagi botlhe ba lefatshe ga ba kaiwe sepe. O direla mophato wa legodimo le baagi ba lefatshe ka fa a ratang ka teng. Ga go na ope yo o ka thibelang letsogo la gagwe, gongwe yo o ka mo arabisang a re: ‘O dirang?’


A ba raya a re: “Lo boifelang, ba tumelonyana ke lona?” Ke fa a tsoga, a kgalemela diphefo le letsha, ga ba ga nna tidimalo e kgolo.


Bonang, ke lone lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o le lo neileng. Bololang lo le thope jaaka Morena, Modimo wa borraeno, a lo solofeditse. Se boifeng, lo se tshoge!’


Morena ke ene yo o tla go etelelang pele, o tla nna nao. Ga a kitla a go hularela le e seng go go tlogela. O se ka wa boifa le e seng go tshoga.”


Se di boife, mme o nne o gopole tse Morena, Modimo wa gago, a di diretseng Farao le Baegepeto botlhe


O se ka wa ba tshoga; gonne Morena, Modimo wa gago, o na nao e le Modimo o mogolo o o boitshegang.


Kana ke go laetse ka re: Tia o nne pelokgale! Ka moo se rerege, o se kgobege marapo. Gonne Morena, Modimo wa gago, o na nao gongwe le gongwe kwa o tla yang teng.”


Ke fa Jošua a bolola, a tswa kwa Gilegala, ene le banna botlhe ba batlhabani nae le bagale botlhe ba mephato.


Le gona Morena a raya Jošua a re: “Se ba boife, gonne ke ba neetse mo diatleng tsa gago. Ga go na ope mo go bone yo o tla emang fa pele ga gago.”


Ba raya Jošua ba re: “Ruri, Morena o neetse lefatshe lotlhe mo diatleng tsa rona; le gona baagi botlhe ba lefatshe leo ba nyemile moko ba a re tshaba.”


Mme Morena a raya Jošua a re: “Bona, ke neetse Jerigo mo diatleng tsa gago le kgosi ya gagwe le bagale ba mephato.


Kana Bakanana le baagi botlhe ba lefatshe le ba tla utlwa; mme ba tla tla go re dikanyetsa, ba fedisa leina la rona mo lefatsheng. Foo o tla direla leina le legolo la gago eng?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan