Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 7:3 - Setswana 1970

3 Ya re ba sena go boela kwa go Jošua ba mo raya ba re: “A go se ka ga bolola batho botlhe, a go bolole banna ba e ka nnang ba dikete di le pedi gongwe di le tharo; ba tla fenya Ai. Se lapise batho botlhe ka go ba isa teng gonne ba Ai ke setlhophanyana fela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi ba boela go Yehoshue, ba mo raea, A bathu botle ba si ee; mi a ekane e le banona ba tu thousanda, khotsa ba teri thousanda ba ee go khemetha Ai; mi si lapisetse bathu botle gona; gone ba banye.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Ba boela kwa go Jošua, ba mo raya ba re: “A batho ba se ye botlhe; go ye batho e ka ne e le ba le makgolo a a masome mabedi, kgotsa a a masome mararo, ba ye go kgemetha Ai; o se ka wa lapisa batho botlhe ka go ba bololetsa gone; gonne ba bannyennyane fela.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 7:3
9 Iomraidhean Croise  

Motlapa o eletsa tse dintsi, mme ga a bone sepe; tse batlhoafadi ba di eletsang ba di bona ka botlalo.


Keletso ya setshwakga e a se bolaya gonne diatla tsa sona di gana go dira.


“Lwelang go tsena ka mojako o o pitlaganyeng; gonne ke lo raya ke re: Ba bantsi ba tla leka go tsena, mme ba tla palelwa.


Jaanong he, a re tlhoafaleleng go tsena mo boikhutsong joo gore go se nne ope yo o welang mo tseleng ya bale ya go gana go utlwa.


E rile ba le kwa Jerigo, Jošua a roma banna kwa Ai. Ke motse o o bapileng le Bethawene o o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethele, a ba laela a re: “Bololang lo tlhole lefatshe!” Banna bao ba bolola, ba ya go tlhola Ai.


Banna ba e ka nnang kete tse tharo ba bolola jalo, ba ya teng, mme ba feta ba tshaba banna ba Ai.


Ka ntlha ya moo, ba ga etsho, tlhoafalang bogolo gore lo tlhomamise go bidiwa ga lona le go tlhaolwa ga lona; gonne fa lo dira jalo, ga lo kitla lo kgotšwa ka gope.


Ka ntlha ya moo, tlhoafalang thata gore lo oketse tumelo ya lona ka maatlametlo, le maatlametlo ka kitso,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan