Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 7:2 - Setswana 1970

2 E rile ba le kwa Jerigo, Jošua a roma banna kwa Ai. Ke motse o o bapileng le Bethawene o o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethele, a ba laela a re: “Bololang lo tlhole lefatshe!” Banna bao ba bolola, ba ya go tlhola Ai.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 ¶ Mi Yehoshue a roma banona go coa Yeriko go ea Ai, o o ha Beta‐avena, ha eintleñ ea Iseta ea Beta‐ela, mi a bua le bona a re, Eañ lo tlole lehatsi. Mi banona ba ea ba tlola Ai.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Jošua a ntsha banna kwa Jeriko a ba roma kwa Ai, o o fa Bethafene, go pota Bethele ka fa botlhabatsatsi, a bua nabo, a re: “Yang go tlhola lefatshe.” Banna ba, ba ya ba tlhola Ai.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 7:2
18 Iomraidhean Croise  

A ba a tloga teng, a ya kwa dithabeng tse di mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethele, a tlhoma tente ya gagwe teng, Bethele a le kwa bophirimatsatsi, mme Ai a le kwa botlhabatsatsi. Le gona moo a agela Morena aletare, a bitsa leina la Morena.


A taya felo foo leina la “Bethele”, mme leina la kgale la motse wa teng e ne e le Luse.


Ya baya nngwe kwa Bethele; e nngwe ya e baya kwa Dane.


Babenyamene ba ne ba agile go simolola kwa Geba le go ya pele kwa Migemase le Aya le Bethele le metsaneng ya teng


Maano a tla tlhomama ka kgakololano; dira ntwa ka tsamaiso ya botlhale.


Gonne ò tla itse go lwa ntwa ka dikgakololo tse di botlhale; phenyo e bonwa ka bontsi jwa bagakolodi.


Mmaba o bolola kwa Samaria, a fitlha mo Ayathe, a ralala Migerone, a tlogela dithoto tsa gagwe kwa Migemase.


“Goa, wena Hešebone, gonne Ai o sentswe! Bokolelang, lona metsana ya Raba, lo apare masela a bohutsana, lo lelele baswi, lo kgarakgatshege mo dipoteng, gonne Milekome o tla ya mo botshwarong mmogo le baperesiti ba gagwe le dikgosana tsa gagwe.


“Le fa wena, Iseraele, o rata go akafala, a Juta a se ka a dira molato oo! Lo se ka lwa ya kwa Gilegala, lo se ka lwa tlhatlogela kwa Bethawene, lo se ka lwa ikana lo a re: ‘Ka Morena yo o phelang!’


“Bonang, ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri; ka moo he, nnang botlhale jaaka dinoga, lo be lo nne ba nnete jaaka maeba.


Tlhokomelang thata he ka fa lo tshelang ka teng, e seng jaaka masilo, mme e nne jaaka matlhale;


Ke kgosi ya Jerigo le kgosi ya Ai yo o neng a bapile le Bethele


Molelwane wa bone mo ntlheng ya bokone o ne o tloga kwa Joretane; molelwane o be o tlhatlogela kwa mmotong ntlheng ya bokone ya Jerigo, o be o tlhatlogela mo dithabeng, o ya kwa bophirimatsatsi, o khutla mo sekakeng sa Bethawene.


Jošua, morwa Nune, o na a romile banna ba le babedi ba batlhodi mo sephiring go tswa Sitime a re: “Yaang lo tlhole lefatshe le motse wa Jerigo.” Ba ya ba tsena mo ntlong ya mosadi wa seaka yo leina la gagwe e leng Rahabe, ba lala teng.


Ya re ba sena go boela kwa go Jošua ba mo raya ba re: “A go se ka ga bolola batho botlhe, a go bolole banna ba e ka nnang ba dikete di le pedi gongwe di le tharo; ba tla fenya Ai. Se lapise batho botlhe ka go ba isa teng gonne ba Ai ke setlhophanyana fela.”


Le Bafelesita ba phuthega go tlhabana le Baiseraele ba na le dikoloi tsa ntwa di le 3 000 le bapalami ba dipitse ba le 6 000, le banna ba ba kana ka motlhaba o o fa losing lwa lewatle. Ba bolola, ba thibelela kwa Migemase mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethawene.


Morena o ne a naya Iseraele phenyo jalo ka letsatsi leo. Jaanong tlhabano e feta Bethawene.


A di romela ba Bethele le ba Ramothe wa kwa borwa le ba Jathire


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan