Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 7:1 - Setswana 1970

1 Mme Baiseraele ba utswa tse di hutsitsweng: Agane morwa Karemi, morwa Sabedi, morwa Sera wa lotso lwa Juta, a tsaya dingwe tsa tse di hutsitsweng. Ke fa bogale jwa Morena bo tukela Baiseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI bana ba Yeserele ba tlola ka tlolo kaga se se rogiloeñ: gone Akane, moroa Kareme, moroa Sabede, moroa Sere, oa loco loa Yude, a tsaea ga se se rogiloeñ: mi bogale yoa ga Yehova yoa tukeloa bana ba Yeserele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Mme bana ba Iseraele ba tlola ka ga se se neeletsweng; gonne Akane morwa Karemi, morwa Sabedi, morwa Sera, wa lotso lwa Juta, a tsaya ga sone se se neeletsweng; mme bogale jwa ga Jehofa jwa tukela bana ba Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 7:1
19 Iomraidhean Croise  

Bomorwa Jakobe ba bangwe ba tla kwa go ba ba bolailweng, ba thukhutha motse oo, ka gonne ba ne ba sentse kgaitsadia-bone.


Morena o kile a tukela Baiseraele bogale gape, a tlhotlheletsa Dafita go ba senyetsa a re: “Yaa o bale Baiseraele le Bajuta.”


Jaanong ya re ba fitlha kwa thabaneng, a di tsaya mo diatleng tsa bone, a di boloka mo ntlong, a naya banna bao tsela, mme ba tsamaya.


Fela selo seo se ne se le bosula mo matlhong a Modimo, mme wa betsa Baiseraele.


mme ba tlogela Ntlo ya Morena, Modimo wa borraabo, ba direla medimako ya Ašera le medimo ya diseto. Ka ntlha ya molato oo bogale jwa Morena jwa wela Juta le Jerusalema.


ka re: “Modimo wa me, ke tlhajwa ke ditlhong, ke tshaba go ka tsholeletsa sefatlhego kwa go wena, Modimo wa me; gonne melato ya rona e re ntsifaletse e fitlha kwa godimo ga ditlhogo; maleo a rona a magolo, a fitlha kwa legodimong.


Boikepo jwa gago bo senyetsa motho ka wena; tshiamo ya gago e thusa mongwe-ka-wena.


Botlhale bo gaisa dibolai tsa ntwa, mme moleofi a le mongwe fela o senya tse di molemo tse dintsi.


Morena, wena o mo tshiamong; rona re mo ditlhonnye tsa difatlhego jaaka go bonala kajeno; rona banna ba Juta le baagi ba Jerusalema le Baiseraele botlhe ba ba gaufi le ba ba kgakala mo mafatsheng aotlhe, kwa o ba leleketseng gona ka ntlha ya boikanyologo jwa bone jo ba go leofetseng ka jona.


Moše a ba a raya Arone le Eleasare le Ithamare bomorwawe a re: “A meriri ya tlhogo tsa lona e se ka ya lepelela ka botlhaswa, lo se ka lwa ikgagola diaparo, e se re gongwe lwa swa mme bogale jwa wela mo phuthegong yotlhe. A Baiseraele botlhe ba ga lona e nne bone ba ba lelelang phiso e Morena e e dirileng.


Mme ba raana ba re: “Tlaang a re tlhameng tengwa, re tle re itse gore re dirafalelwa ke bosula jo ka ntlha ya ga mang?” Jaanong ya re ba tlhama tengwa, tengwa ya supa Jona.


“Phuthego yotlhe ya Morena e buile jaana ya re: ‘Boikanyologo jo ke jo bo ntseng jang jo lo tlhanogetseng Modimo wa Iseraele ka jona mo lo bileng lwa ikepa mo Moreneng kajeno ka go ikagela aletare le ka go tsogela Morena kajeno?


Mme a lona lo rata go ikepa mo Moreneng kajeno? Ruri, fa lo tsogela Morena kajeno, kamoso o tla tukela phuthego yotlhe ya Iseraele bogale!


A ga ke re, e rile Agane morwa Sera a dirile ka boikanyologo ka go utswa tse di hutseditsweng go fisiwa, bogale jwa Morena jwa wela phuthego yotlhe ya Iseraele? Le gona ga a ka a swa a le esi ka ntlha ya molato wa gagwe.’ ”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan