Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 4:3 - Setswana 1970

3 Lo ba laele lo re: ‘Ntshang mafika a le some pedi mo gare ga Joretane fa dinao tsa baperesiti di neng di eme teng di tsepame, lo tshele lo a tshotse, lo a bee kwa marobalong kwa lo tla lalang teng bosigo jono.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi u ba laole, u re, Tsaeañ maye a tueleve ha, ha gare ga Yoredane, mo heloñ ha nao tsa baperiseti li li eme li itsetsepetse gona, mi lo a khabagantse le lona, lo a bee ha heloñ ga tlolo sigo, ha lo tla tlolañ bosigo yonu gona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Lo ba laole, lo re: ‘Tsayang fano mo gare ga Joretane, fa dinao tsa baperesiti di ne di tsepame gone, maje a le 12, lo tshele nao, lo ye go a baya kwa marobalong, kwa lo tlaa lalang gone gompieno.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 4:3
11 Iomraidhean Croise  

Foo lentswe le ke le tlhomileng go nna segopotso e tla nna Ntlo ya Modimo. Gape tsotlhe tse o tla di nnayang ke tla go ntshetsa kabelo ya lesome ya tsona.”


Baka Morena, mowa wa me; se lebale sepe sa ditiro tse di molemo tsa gagwe!


Morena o mo Tempeleng ya gagwe e e Boitshepo, Morena, yo sedulo sa gagwe sa bogosi se leng mo legodimong. Matlho a gagwe a bona lefatshe, dintshi tsa matlho a gagwe di keleka bana ba batho.


Mme a araba a re: “Ke a lo bolelela ka re: Fa ba, ba ka didimala, majwe a tla kua.”


Mme Jošua a raya morafe otlhe a re: “Bonang, letlapa le e tla nna mosupi ka ga rona; gonne le utlwile mafoko otlhe a Morena a o a buileng le rona; le gona e tla nna mosupi ka ga lona, e se re gongwe lwa itatola Modimo wa lona.”


Mme e tla re dipato tsa dinao tsa baperesiti ba ba sikereng Letlole la Morena, la Morena wa lefatshe lotlhe, di gata mo metsing a Joretane, metsi a Joretane a kgaolwe. Metsi a Joretane a a tswang kwa godimo a tla ema jaaka lobota lo le longwe.”


Jaanong Jošua a bitsa banna ba ba some pedi bao ba a neng a ba naya tiro ba tswa mo Baiseraeleng, lotso longwe le longwe lo ntshitse a le mongwe.


Baiseraele ba dira jalo jaaka Jošua a laotse, ba tsaya mafika a le some pedi, ba a ntsha mo gare ga Joretane jaaka Morena a laetse Jošua ka fa palong ya ditso tsa Baiseraele, ba tshela ba a tshotse, ba a isa kwa marobalong, ba a baya teng.


Ke fa Samuele a tsaya lefika, a le tlhoma fa gare ga Mitsepha le Šene, a le taya leina la Ebenesere, a re: “Morena o re thusitse go fitlha kajeno.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan