Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 3:4 - Setswana 1970

4 Fela a go nne sebaka fa gare ga lona le lone, e ka nna selekanyo sa mabogo a le kete tse pedi. Lo se ka lwa le atamela gore lo tle lo itse tsela e lo tla tsamayang ka yona; gonne ga lo ise lo ke lo sepele mo tseleng e ka gope.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Leha gontse yalo a sebaka se ne gare ga lona le eona sa selekanyo se le kana ka libuketa li tu thousanda: si e atameleñ, gore lo itse tsela e lo ka eañ ka eona; gone ga lo e si lo ko lo khabaganye ka tsela e.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Mme le fa go ntse jalo a go nne sebaka fa gare ga lona le lone, e ka ne e le kilometara e le nngwe fela ka selekanyo; lo se ka lwa le atamela, gore lo itse tsela e lo e tsayang; gonne ga lo ise lo ko lo fete ka tsela e gope.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 3:4
12 Iomraidhean Croise  

Le gona Jakobe a lemoga sefatlhego sa ga Labane gore ga se tlhole se mo leba sentle jaaka maabane le maloba.


O sa le o bolotsa Baiseraele le go ba gorosa, Saule a sa le kgosi. E bile Morena, Modimo wa gago, o go laetse wa re: ‘Wena o tla fudisa morafe wa me wa Iseraele, o nna moetapele wa ona, o o busa.’ ”


Motho yo o boifang Morena ke mang? O tla mo ruta ka ga tsela e o tshwanetseng go e itlhaolela.


Gonne ke mang yo o lekanang le Morena kwa marung, yo o tshwanang le Morena mo go bomorwa Modimo?


Le gona beela morafe molelwane mo tikologong ya thaba, o ba ree o re: ‘Itiseng gore lo se palame mo thabeng, le e seng go e ama kwa tlase. Mongwe le mongwe yo o amang thaba e o tshwanetse go bolawa.


Wa re: “Se atamele kwano, rola ditlhako tsa gago; gonne felo fa o emeng teng foo ke felo fa go boitshepo.”


Mme Moše a raya Morena a re: “Ao! Morena, ga ke itse go bua sentle, fa e sa le ke tsalwa go fitlhelela kajeno, o ntse o bua le motlhanka wa gago. Gonne ke molomo o bonya, ke loleme lo bonya.”


Gonne felo ga phisetso go setse go baakantswe gale; le gona go baakanyeditswe kgosi; go boteng, go atlhame. Mokoa wa molelo le wa dikgong wa gona o mogolo thata. Mowa wa Morena o o tshwanang le nokana ya sebabole o tla o tshuba.


Morena, Mogolodi wa gago, Moitshepi wa Iseraele, o bua jaana a re: “Ke nna Morena, Modimo wa gago, yo o go rutang tse di thusang, a go tsamaisa mo tseleng e o tla tsamayang ka yona.


ba laola morafe ba re: “E re lo bona Letlole la Kgolagano ya Morena, Modimo wa lona, le sikerwe ke baperesiti ba Balefi, le lona lo bolole mafelong a lona, lo le sale morago.


Mme Jošua a raya morafe a re: “Iitshepiseng, gonne kamoso Morena o tla dira dikgakgamatso mo gare ga lona.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan