Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 3:3 - Setswana 1970

3 ba laola morafe ba re: “E re lo bona Letlole la Kgolagano ya Morena, Modimo wa lona, le sikerwe ke baperesiti ba Balefi, le lona lo bolole mafelong a lona, lo le sale morago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi tsa laola bathu tsa re, Ere mogañ lo bonañ areke ea kholagano ea ga Yehova Morimo oa lona, le baperiseti ba Seleva ba e belega, le lona tlogan mo heloñ ga lona, lo e sale morago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 ba laola batho, ba re: “Mogang lo bonang letlole la kgolagano ya ga Jehofa Modimo wa lona, le baperesiti Balefi ba le rwele, foo lo tlogeng mo felong ga lona lo le sale morago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 3:3
20 Iomraidhean Croise  

Mme ya re ba ba sikereng Letlole la Morena ba sena go tsamaya dikgato di le thataro, Dafita a dira setlhabelo sa kgomo le sa namane e e nonneng.


Ba tsaya Letlole la Modimo ka koloi e ntšhwa, le tswa mo ntlong ya ga Abinatabe e e mo thoteng. Usa le Ayo bomorwa Abinatabe ba ne ba kgweetsa koloi e ntšhwa.


Jaanong e rile bagolo botlhe ba Iseraele ba sena go goroga, baperesiti ba tsaya Letlole,


Le gona baperesiti ba lotso lwa ga Lefi ga ba kitla ba tlhoka monna yo o tlisang ditlhabelo tse di fisiwang fa pele ga me, yo o tshubang ditshupelo tsa dijo, yo o baakanyang setlhabelo se se jewang ka malatsi otlhe.”


Ya re ba sena go huduga kwa thabeng ya Morena, ba sepela tsela malatsi a le mararo, mme Letlole la Kgolagano ya Morena la ba etelela pele leeto la malatsi a le mararo go ba batlela felo ga boikhutso.


Mme e ne e re Arone le bomorwawe ba sena go phuthela dilo tsa Felo-ga-Boitshepo le didiri tsotlhe tsa Felo-ga-Boitshepo, fa bothibelelo bo kuologa, boora Kahathe ba tsena morago ga moo go di rwala, mme ba se ka ba ama dilo tsa Felo-ga-Boitshepo, e se re gongwe ba swa. Dilo tseo tsa Tente ya Boipontsho di tshwanetse go rwalwa ke boora Kahathe fela.


Ke fa Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa mongwe a rata go ntshala morago, a a itlogele, a sikare sefapaano sa gagwe, a ntshale morago;


Foo ga tla moitsedikwalo, a mo raya a re: “Moruti, ke tla go sala morago gongwe le gongwe kwa o ka yang teng.”


a laela Balefi, basikari ba Letlole la Kgolagano ya Morena, a re:


Jaanong Moše a kwala molao o, a o neela baperesiti, boora Lefi ba e neng e le basikari ba Letlole la Kgolagano ya Morena le bagolo botlhe ba Iseraele.


Fela a go nne sebaka fa gare ga lona le lone, e ka nna selekanyo sa mabogo a le kete tse pedi. Lo se ka lwa le atamela gore lo tle lo itse tsela e lo tla tsamayang ka yona; gonne ga lo ise lo ke lo sepele mo tseleng e ka gope.”


Jošua a ba a raya baperesiti a re: “Sikarang Letlole la Kgolagano, lo etelele morafe pele.” Ba le sikara, ba etelela morafe pele.


Mme jaanong o laele baperesiti ba ba sikereng Letlole la Kgolagano o re: ‘E re fa lo tsena mo metsing fa thoko ga Joretane, lo eme mo go ona.’ ”


Mme baperesiti ba ba neng ba sikere Letlole ba ne ba ntse ba eme fa gare ga Joretane ga tsamaya ga fediwa tsotlhe tse Morena o di laetseng Jošua go di bolelela morafe, e bong tsotlhe tse Moše o di laetseng Jošua. Morafe wa itlhaganela, wa tshela.


Ke fa Jošua, morwa Nune a bitsa baperesiti, a ba raya a re: “Sikarang Letlole la Kgolagano, mme a baperesiti ba supa ba tsee dinaka tse supa tsa diphelehu, ba etelele Letlole la Morena pele.”


Bao ke bone ba ba sa ikgotlelang ka basadi; ka gonne ba ntse jaaka makgarebe. Bao ke bone ba ba latelang Kwana kwa e ka yang teng. Ke ba ba rekolotsweng mo gare ga batho gore ba nne mabutswapele a Modimo le a Kwana.


Balefi ba ne ba folositse Letlole la Morena le letlojana le le nang nalo le dilo tsa gouta di neng di le mo go lone, ba di beile mo lefikeng le legolo leo. Ka letsatsi leo banna ba Betšhemeše ba direla Morena ditlhabelo tsa phiso, ba mo tlhabela ditlhabelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan