Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 3:1 - Setswana 1970

1 Ya re ka moso Jošua a phakela, ene le Baiseraele botlhe, ba tloga kwa Sitime ba fitlha fa Joretane, ba lala gona ba ise ba tshele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI Yehoshue a phakela; mi ba tloga mo Shitima, mi ba hitla Yoredane, ena le bana ba Yeserele botle, mi ba tlola bosigo gona ba e si ba khabaganye.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ya re ka moso Jošua a phakela, a huduga mo Shitime, a tla fa Joretane, ene le bana botlhe ba Iseraele; ba lala gone ba ise ba kgabaganye.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 3:1
16 Iomraidhean Croise  

Ke fa Aborahame a phakela mo mosong, a tsaya senkgwe le lekuka la metsi, a di naya Hagare, a di baya mo legetleng la gagwe, le ngwana, a mo naya tsela. Hagare a tsamaya, a kgarakgatshega mo sekakeng sa Bereseba.


Ke fa Aborahame a phakela ka moso, a belesa esele ya gagwe, a tsaya batlhanka ba le babedi ba gagwe, le Isaka morwawe, ba ya nae; a fatsa dikgong tsa setlhabelo sa phiso; a tloga a ya kwa felong fa Modimo o go mmoleletseng.


Ka itlhaganela, ka se ka ka diega go tlhokomela ditaelo tsa gago.


“Lefoko la Morena le sa le le tla kwa go nna go tloga ka ngwaga wa 13 wa ga Josia, morwa Amone, kgosi ya Juta, go fitlhelela letsatsing la kajeno; e setse e le dinyaga di le 23 ke ntse ke bua le lona ka tlhoafalo, mme ga lo a ka lwa utlwa.


fa lo sa utlwe mafoko a baporofeti, batlhanka ba me, ba ke ntseng ke ba romela kwa go lona ka tlhoafalo – mme kana ga lo a ka lwa nkutlwa ka gope –


Mme jaanong, e re ka lo dirile ditiro tsotlhe tse – go bua Morena – ka ke buile le lona, ka bua ka tlhoafalo, mme lo se ka lwa utlwa; ka lo bitsa, mme lo se ka lwa araba;


Morafe wa me, a ko ò gakologelwe se Balake, kgosi ya Moabe, o neng a se ikaeletse le se Bileame, morwa Beore, o se mo arabileng le se se dirafetseng go tswa kwa Sitime go fitlha kwa Gilegala gore lo tle lo itse ditiro tse di siameng tsa Morena.”


E rile Baiseraele ba ntse ba le kwa Sitime, batho ba simolola go dira boaka le bomorwadia Moabe;


Ya re ka moso, go sa le bosigo, a tsoga, a tswela kwa ntle, a ya kwa felong fa go senya, a rapela teng.


Jošua, morwa Nune, o na a romile banna ba le babedi ba batlhodi mo sephiring go tswa Sitime a re: “Yaang lo tlhole lefatshe le motse wa Jerigo.” Ba ya ba tsena mo ntlong ya mosadi wa seaka yo leina la gagwe e leng Rahabe, ba lala teng.


Jošua a ba a phakela mo mosong; baperesiti ba sikara Letlole la Morena;


Mme ka letsatsi la bosupa ba phakela, fa mahube a tswa, ba dikologa motse ka mokgwa oo gasupa. Ke letsatsi leo fela le ba dikologileng motse gasupa ka lone.


Jaanong Jošua a phakela mo mosong, a atametsa Baiseraele ka fa ditsong tsa bone; ga supiwa lotso lwa Juta.


Ya re mo mosong Jošua a phakela a bolotsa banna, a ba etelela pele go ya kwa Ai, ene le bagolo ba Iseraele.


Jaanong Baiseraele ba tsoga mo mosong, ba dikanyetsa Gibea ka ntwa.


Jaanong Dafita a phakela mo mosong, a tlogela dinku le modisa, a rwala mefago ele, a tsamaya jaaka Isai a mo laetse. Ya re a fitlha kwa magololong a dikoloi, mephato e e tswelang kwa felong ga tlhabano ya tlhabela tlhabano mokgosi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan