Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 2:4 - Setswana 1970

4 Mme mosadi o ne a tsere banna ba babedi bao, a ba fitlhile; a ba a re: “Ka nnete banna bao ba ne ba tla fano go nna, mme ke ne ke sa itse kwa ba tswang teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi mosari a tsaea banona ba tu ba, a ba shuba, mi a re yalo, Banona ba le ba ’ntlela, mi ga kia ka ka itse kua ba coañ gona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Mme mosadi a tsaya banna ba babedi a ba fitlha; a re: “Ee, banna bao ba ne ba tlile mo go nna, mme ga ke a ka ka itse kwa ba tswang teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 2:4
9 Iomraidhean Croise  

Ke fa Elisa a ba raya a re: “Tsela e ga se yona le motse o ga se ona. Ntshaleng morago, ke tla lo isa kwa monneng yo lo mmatlang.” Mme a ba isa kwa Samaria.


Babelegisi ba fetola Farao ba re: “Kana basadi ba Bahebere ga ba tshwane le basadi ba Baegepeto, mme bone ba thata. E a tle e re mmelegisi a ise a fitlhe kwa go bone, ba bo ba setse ba belege.”


Fela jalo le ene Rahabe wa seaka, a ga a a siamisiwa ka ditiro, ka a ne a tshola barongwi, a ba tshabisa ka tsela e sele?


Mme kgosi ya Jerigo ya romela kwa go Rahabe ya re: “Ntsha banna ba ba tlileng koo go wena ba ba tsenyeng mo ntlong ya gago; gonne ba tlile go tlhola lefatshe lotlhe le.”


Jaanong ya re kgoro e tswalwa ka letlatlana, banna bao ba tswela kwa ntle. Ga ke itse gore ba ile kae. Fela akofang lo ba latele! Lo tla ba tshwara.”


Mme a motse o le tsotlhe tse di mo go ona di neelwe Morena ka go bolawa le go fisiwa; go phele Rahabe wa seaka fela, ene le botlhe ba ba nang nae mo ntlong; gonne ene o ne a fitlha barongwi ba re neng re ba romile.


Mme Jošua a phedisa Rahabe wa seaka le ba lelapa la ga rraagwe le ba ga gabo botlhe; ba nna mo gare ga Baiseraele go fitlha letsatsing la kajeno, ka a ne a fitlha barongwi ba Jošua o neng a ba romile go tlhola Jerigo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan