Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 2:2 - Setswana 1970

2 Ke fa kgosi ya Jerigo e begelwa go twe: “Bona, banna ba letse ba tlile mono bosigo, ba tswa kwa Baiseraeleng go tlhola lefatshe le.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi ga buleloa khosiñ ea Yeriko, ga tua, Bona, go tlile banona ba bana ba Yeserele monu ka sigo yonu, go kheleisa lehatsi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Ga bolelelwa kgosi ya Jeriko, ga twe: “Bona, sigo jono go tsile banna ba bana ba Iseraele, ba tla go kheleisa lefatshe.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 2:2
7 Iomraidhean Croise  

Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Salomo. Fa Morena a sa age ntlo, baagi ba yona ba tla bo ba itapisetsa lefela; fa Morena a sa dise motse, modisa o tla bo a itlhobaeletsa lefela.


Ga go na botlhale le e seng tlhaloganyo le e seng maano tse Morena a ka kgonwang ka tsona.


Le go tswa fano e tla bo e le nna, go se na ope yo o ka pholosang mo seatleng sa me. Ke tla dira tiro – e ka thibelwa ke mang?”


Baagi botlhe ba lefatshe ga ba kaiwe sepe. O direla mophato wa legodimo le baagi ba lefatshe ka fa a ratang ka teng. Ga go na ope yo o ka thibelang letsogo la gagwe, gongwe yo o ka mo arabisang a re: ‘O dirang?’


Jošua, morwa Nune, o na a romile banna ba le babedi ba batlhodi mo sephiring go tswa Sitime a re: “Yaang lo tlhole lefatshe le motse wa Jerigo.” Ba ya ba tsena mo ntlong ya mosadi wa seaka yo leina la gagwe e leng Rahabe, ba lala teng.


Mme kgosi ya Jerigo ya romela kwa go Rahabe ya re: “Ntsha banna ba ba tlileng koo go wena ba ba tsenyeng mo ntlong ya gago; gonne ba tlile go tlhola lefatshe lotlhe le.”


Jaanong Badane ba roma banna ba batlhano ba losika lwa bone, ba romilwe ke lotso lotlhe, e le banna ba ba pelokgale; ba tloga kwa Sorea le kwa Ešethaole go tlhola lefatshe le go le sekaseka. Ba ba laela ba re: “Yaang lo sekaseke lefatshe.” Bone bao ba fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime kwa ntlong ya ga Miga, ba lala teng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan