Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 10:3 - Setswana 1970

3 Ka moo Atoni-Seteke, kgosi ya Jerusalema, a roma kwa go Hohame, kgosi ya Heberone, le kwa go Phireame, kgosi ya Jaremuthe, le kwa go Jafia, kgosi ya Lagiše le kwa go Debire, kgosi ya Egelone, a re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Ki gona Adona‐tsedeke, khosi ea Yerusalema o romelañ go Hohame khosi ea Heberona, le go Pirame khosi ea Yaremuta, le go Yafie khosi ea Lakisha, le go Dibere khosi ea Egelona, a re,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Ke gone ka moo Atoni-seteke kgosi ya Jerusalema a roma kwa go Hohame kgosi ya Heberone, le kwa go Pirame kgosi ya Jaremuthe, le kwa go Jafia kgosi ya Lakiše, le kwa go Debire kgosi ya Egelone, a re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 10:3
19 Iomraidhean Croise  

mme a swela kwa Khiriathe-Areba, ke go re kwa Heberone mo lefatsheng la Kanana. Ke fa Aborahame a tsena go hutsafalela Sara le go mo lelela.


Jakobe a mo raya a re: “A ko o ye o bone gore bomogoloo ba phela jang, le diruiwa di phela jang; o tle o boe o mpolelele.” A mo roma jalo. Mme Josefa a tloga fa mokgatsheng wa Heberone, a ya a fitlha kwa Šegeme.


Mme palo ya malatsi a Dafita e neng e le kgosi ya lotso lwa Juta kwa Heberone ka ona ke dinyaga di supa le dikgwedi tse thataro.


Ke fa Hesekia kgosi ya Juta a romela lefoko kwa kgosing ya Asiria kwa Lagiše a re: “Ke leofile. Boa o ntlogele. Se o se nthwesang ke tla se rwala.” Mme kgosi ya Asiria ya lefisa Hesekia kgosi ya Juta ditalente di le 300 tsa selefera le ditalente di le 30 tsa gouta.


Kgosi ya Asiria e kile ya roma molaodi yo mogolo wa mephato le mookamedi wa badiredi ba lapa la kgosi le mothoki yo mogolo kwa go kgosi Hesekia kwa Jerusalema, ba na le mephato e megolo ya batlhabani ba tswa kwa Lagiše; ba tlhaga ba fitlha kwa Jerusalema; ya re ba tlhaga ba fitlha, ba ema fa moseleng wa letsha le le kwa godimo fa tseleng ya tshimo ya motlhatswi wa masela,


le Atoraime le Lagiše le Aseka


batlhabani ba kgosi ya Babele ba ntse ba tlhasela Jerusalema le metse yotlhe ya Juta e e iseng e thopiwe, e bong Lagiše le Aseka. Gonne yona e setse e le yosi mo metseng ya Juta, ka e le metse e e femetsweng.


Baagi ba Lagiše , golegelang dipitse tse di lobelo mo koloing! Motse o, o simolotse go leofisa morwadia Sione; gonne go fitlhetswe ditiro tsa boikepo tsa Iseraele mo go lona.


Ba ya kwa nageng ya borwa, ba fitlha kwa Heberone, teng go le Ahimane le Sesai le Thalemai, boora Enake. Motse wa Heberone e ne e le dinyaga di supa o ntse o agilwe pele ga motse wa Soane kwa Egepeto.


Atoni-Seteke, kgosi ya Jerusalema a utlwa go twe, Jošua o thopile motse wa Ai, a dirafatsa khutso ya Modimo mo go ona; a direla Ai le kgosi ya teng jaaka a diretse Jerigo le kgosi ya gona, le gore baagi ba Gibeone ba dirile kagiso le Baiseraele, ba nna mo gare ga bone.


Ba dira jalo, ba ntsha dikgosi tse tlhano tsele mo logageng, ba di isa kwa go ene, e bong kgosi ya Jerusalema le ya Heberone le ya Jaremuthe le ya Lagiše le ya Egelone.


Jaanong Jošua a tloga kwa Lagiše, a fetela pele kwa motseng wa Egelone, a na le Baiseraele botlhe; ba o tsenya gare, ba o tlhasela,


Ke fa dikgosi tse tlhano tsa Baamori di kgobokana, di bolola, e le kgosi ya Jerusalema le kgosi ya Heberone le kgosi ya Jaremuthe le kgosi ya Lagiše le kgosi ya Egelone, tsone le mephato yotlhe ya tsone tsa dikanyetsa motse wa Gibeone ka ntwa, tsa tlhabana nao.


Mme leina la Heberone e ne e le motse wa ga Areba pele ga foo; ene e ne e le motho yo mogolo mo go Baenake. Jaanong lefatshe la ikhutsa, le se na ntwa.


le Humuta le Khiriathe-Areba, e bong Heberone le Siore. E ne e le metse e le 9 kwa ntle ga metsana ya yona.


Mme Bajuta ba ne ba palelwa ke go leleka Bajebusi ba ba agileng mo Jerusalema. Bajebusi ba nna jalo mo Jerusalema mmogo le Bajuta go fitlha letsatsing leno.


le Sela le Elefe le Jebusi, e bong Jerusalema le Gibeathe le Khiriathe. E ne e le metse e le 14 kwa ntle ga metsana ya yona. Ke yona kabelo ya Babenyamene ka fa ditshikeng tsa bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan