Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Yehoshue 1:4 - Setswana 1970

4 Go tloga kwa sekakeng le kwa Lebanone go ya go fitlha kwa nokeng e kgolo, e bong ya Ferathe – lefatshe lotlhe la Bahethe – le go fitlha kwa lewatleng le legolo le le kwa bophirimatsatsi, e tla nna naga ya lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Go simolola ka bogareganaga le Lebanona eo, go ea kua molapoñ o mogolu, molapo oa Euferate, hatsi yeotle ya Baheta; le kua leoatleñ ye legolu, kua bophirimoñ yoa letsatsi; e tla na moleloane oa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Go simologa kwa nageng, le Lebanone yo, go ya fela kwa nokeng e kgolo, noka ya Euferatese, lefatshe lotlhe la Bahite go ya kwa lewatleng le legolo ntlheng ya bophirimatsatsi, e tlaa nna molelwane wa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Yehoshue 1:4
12 Iomraidhean Croise  

Go rekwa dikoloi kwa Egepeto, e le nngwe e ja dišekele di le 600 tsa selefera; le dipitse, e le nngwe e ja di le 150. Di rekwa jalo ke dikgosi tsotlhe tsa Bahethe le tsa Siria mo diatleng tsa bagwebi.


Le gona Salomo o ne a busa magosi aotlhe go simolola kwa nokeng ya Ferathe go ya kwa lefatsheng la Bafelesita le go fitlha kwa molelwaneng wa Egepeto. Ba ne ba kgethela Salomo, ba mo direla ka malatsi aotlhe a bophelo jwa gagwe.


Dafita a ba a fenya Hatatesere kgosi ya Soba ntlheng ya Hamathe, jale fa a ya go tlhomamisa puso ya gagwe kwa nokeng ya Ferathe.


Kwa botlhabatsatsi o ne a agile go ya go fitlha kwa sekakeng se se ka kwano ga noka ya Ferathe; gonne diruiwa tsa bone di ne di le dintsi mo lefatsheng la Gileate.


Dikgosi tse di thata di ne di busa kwa Jerusalema, di busa naga yotlhe ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe, di ntshediwa lekgetho le kabelo ya thobo le lekgetho la tsela.


“Ke tla sega molelwane wa lona go tswa Lewatleng la Motlhaka go fitlha lewatleng la Bafelesita le go tswa kwa sekakeng go fitlha kwa nokeng ya Ferathe. Gonne ke tla neela baagi ba lefatshe leo mo diatleng tsa lona gore lo ba leleke fa pele ga lona.


Thelelang lo bolole lo ye kwa dithabeng tsa Baamori le kwa go botlhe ba ba bapileng nabo mo lebaleng la Joretane le mo dithabeng le mo nageng e e kwa tlase le mo nageng ya borwa le fa losing lwa lewatle kwa lefatsheng la Bakanana le kwa Lebanone go fitlha kwa nokeng e kgolo ya Ferathe.


Felo gongwe le gongwe kwa pato tsa dinao tsa lona di tla gatang teng e tla nna ga lona; go tloga kwa sekakeng go ya go fitlha kwa Lebanone le go tloga kwa nokeng ya Ferathe go ya go fitlha kwa lewatleng la bophirimatsatsi e tla nna naga ya lona.


Tsweetswee nte ke tshelele kwa moseja, ke bone lefatshe le lentle le le kwa moseja ga Joretane le dithaba tse dintle tsele le tsa Lebanone!’


le raya moengele wa borataro yo o tshotseng phala le re: “Golola baengele ba bane ba ba golegilweng fa nokeng e kgolo ya Euferate.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan