Tshenolo 10:3 - Setswana 19703 a ba a goa ka lentswe le legolo jaaka tau e duma; ya re a sena go goa, ditumo di supa tsa maru tsa ntsha mantswe a tsona. Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha3 mme a goa thata, mme go goa ga gagwe go ne go utlwala jaaka go duma ga tau, mme ditumo di supa tsa araba. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)3 Mi a bitsa ka koru e kholu yaka tau e ruma; mi ka a sina bitsa, tumo tsa maru li seven tsa bua ka koru tsa cona. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo3 mme a goa ka lentswe le legolo, jaaka fa tau e duma; ya re a goa, ditumo di supa tsa maru tsa ntsha dikodu tsa tsone. Faic an caibideil |
Gonne Morena o buile jaana le nna a re: “Tau le tawana di rora godimo ga thopo e di e tshwereng, fa badisa ba bantsi ba bilediwa kwa go tsona; mme ga di tshoge ka ntlha ya mekgosi ya bone, ga di tshabe modumo wa bone.” Morena wa masomosomo o tla fologa jalo gore a tlhabane mo thabeng ya Sione le mo thabaneng ya yona.
“Mme wena o ba rerele mafoko otlhe a, o ba ree o re: “ ‘Morena o tla duma a le kwa godimo; o tla utlwatsa tumo ya gagwe go tswa moagong o o boitshepo wa gagwe; o tla rora ka ntlha ya Tempele ya gagwe mo go boitshegang; o tla tlhabela baagi botlhe ba lefatshe mokgosi jaaka ba ba gatang maungo a moweine.