Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Tshenolo 10:1 - Setswana 1970

1 Jaanong ka bona moengele yo mongwe yo o thata a fologa kwa legodimong, a apere leru, motshewabadimo o le godimo ga tlhogo ya gagwe, sefatlhego sa gagwe se ntse jaaka letsatsi, dinao tsa gagwe di ntse jaaka dipilara tsa molelo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Hong ka bona moengele yo mongwe yo mogolo a fologa kwa legodimong, a dikaganyeditswe ke leru, mme motshe wa godimo wa bo o le mo tlhogong ya gagwe; sefatlhogo sa gagwe se phatshima jaaka letsatsi le dinao tsa gagwe di gadima jaaka molelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ka bona moengele eo moñue eo thata, a hologa mo legorimoñ a apere leru; mi mola oa gorimo o le gorimo ga tlogo ea gague, mi sehatlogo sa gague se cuana yaka letsatsi, mi nao tsa gague li cuana yaka lipilara tsa molelo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ka bona moengele yo mongwe yo o thata, a fologa mo legodimong, a apere leru; mme motshe wa godimo wa bo o le mo tlhogong ya gagwe, sefatlhogo sa gagwe sa bo se ntse jaaka letsatsi, le maoto a gagwe a ntse jaaka dithogomosi tsa molelo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Tshenolo 10:1
28 Iomraidhean Croise  

O aga maago a gago a bogodimo mo metsing, o ntsha maru koloi ya gago, o tsamaya ka diphuka tsa phefo.


Maru le lefifi di mo dikanyeditse; tshiamo le molao ke mothao wa sedulo sa gagwe sa bogosi.


Ya re Arone a bua jalo le morafe otlhe wa Baiseraele, bone ba leba kwa sekakeng, ba bona kgalalelo ya Morena e bonala mo lerung.


Maoto a gagwe ke maotwana a lentswe la legakwa a a tlhomilweng mo ditlhomong tsa gouta e e sa pekwang. Sebopego sa gagwe se tshwana le sa Lebanone se tlotlometse jaaka mesetere.


Taelo ya Modimo ka ga Egepeto. Bonang, Morena o palame leru le le lebelo, a ya kwa Egepeto. Jaanong medimo ya diseto ya Egepeto e roroma fa pele ga gagwe, pelo tsa Baegepeto di nyema mo teng ga bone.


“Gonne tseo di tshwana le malatsi a ga Noa mo go nna. Ke ikanne ka re: Metsi a ga Noa ga a kitla a tlhola a ralala lefatshe. Jaanong ke ikanne jalo ka re: Ga nkitla ke go galefela le e seng go go kgalemela.


O iphitlhile mo lerung, ke fa go sa fitlheng thapelo epe.


Ponalo ya kgalalelo e e mo tikologong e ne e tshwana le mebala ya motshewabadimo, fa o le mo marung ka letsatsi la pula. Ke yona ponalo ya setshwantsho sa kgalalelo ya Morena. Ya re ke sena go se bona, ka wela fa fatshe ka sefatlhego, ka utlwa lentswe la yo o buang.


Mmele wa gagwe wa bo o tshwana le taemane ya kerisolite; sefatlhego sa gagwe se phatsima jaaka legadima; matlho a gagwe a tshwana le kgabo ya lobone; mabogo a gagwe le maoto a gagwe tsa bo di tsabakela jaaka kgotlho e e gotlhilweng; mafoko a gagwe a utlwala jaaka modumo wa bontsi jwa batho.


“Ka nna ka leba mo diponong tsa bosigo, ka bona yo o tshwanang le Morwa-Motho a tla ka maru a legodimo, a fitlha kwa go Rra-metlha-yotlhe, a atamediwa fa pele ga gagwe.


Morena a raya Moše a re: “Raya Arone mogoloo o re, a se ka a tsena ka nako nngwe le nngwe mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo ka fa teng ga lesire fa pele ga sekhurumelo sa thuanyo se se khurumelang Letlole gore a se swe; gonne ke iponatsa ke le mo lerung godimo ga sekhurumelo sa thuanyo.


Foo a fetoga setshwano fa pele ga bone; sefatlhego sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, diaparo tsa gagwe tsa nna ditshweu jaaka lesedi.


Foo ba tla bona Morwa-Motho a tla ka leru ka thata le kgalalelo e kgolo.


foo, kgosi, motshegare, ke le mo tseleng, ka bona lesedi le le tswang legodimong, le gaisa kgalalelo ya letsatsi, le phatsima tikologong ya me le ya ba ba tsamayang le nna.


Bonang, o tla a le mo marung, matlho otlhe a tla mmona, le ba ba mo tlhabileng; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla lela ka ntlha ya gagwe. Ee, Amen.


Morago ga dilo tseo ka bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong, a na le thata e kgolo, lefatshe la bonesega ka kgalalelo ya gagwe.


Jaanong moengele mongwe yo o thata a tsholetsa letlapa e kete lelwala le legolo, a le latlhela mo lewatleng a re: “Babilone, motse o mogolo, o tla digwa jalo ka thata, mme ga o kitla o tlhola o bonwa ka gope;


Jaanong ka bona moengele a fologa kwa legodimong, a tshotse selotlele sa molete o o se nang bolekanngo le keetane e kgolo ka seatla.


Yo o ntseng mo go sona o ne a tshwana le lentswe la botlhokwa la jasepise le saredise; motshewabadimo wa bo o dikanyeditse sedulo sa bogosi, o tshwana le lentswe la semarage.


Ka ba ka bona moengele yo o thata, a buela kwa godimo a re: “Ke mang yo o nang le tshwanelo ya go bula lokwalo le go kanolola dikano tsa lone?”


Ka bona, ka ba ka utlwa moengele e kete ntswi a fofa fa gare ga legodimo, a kua ka lentswe le legolo a re: “A tatlhego ya bone wee, wee, wee, ba ba agileng mo lefatsheng, ka ntlha ya mantswe a mangwe a diphala tsa baengele ba bararo ba ba tla tlogang ba letsa.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan