Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 4:6 - Setswana 1970

6 Ke fa mogolodi yoo a re: “Ke palelwa ke go e ithekololela, e se re gongwe ka senya boswa jwa me. E ithekololele e ke neng ke tshwanetse go e rekolola; gonne ke a palelwa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi morekolori a re, Ga ’nkake ka le ithekolola, gore e si re khotsa ka senya boshua yoa me: u ithekololele thekololo ea me: gone ga ’nkake ka e rekolola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Monna wa losika yo o gaufi, a re: “Ga nkake ka se ithekololela, nka tla ka senya jo e leng boswa jwa me; o itseele tshiamo ya me ya go rekolola; gonne nna ga nkake ka se rekolola.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 4:6
8 Iomraidhean Croise  

Ke fa Juta a raya Onane a re: “Tsena kwa mosading wa ga mogoloo, o mo nyale ka fa tshwanelong ya monnaa-motho, o tsalele mogoloo.”


E re fa wa ga eno a humanegile, a ba a rekisa sengwe sa boswa jwa gagwe, a go tle mogolodi wa gagwe yo o gaufi nae losikeng, a rekolole se se rekisitsweng sa wa ga gabo.


Mme fa monna yoo a sa rate go tsaya motlholagadi wa ga morwa-rraagwe, a motlholagadi wa ga morwa-rraagwe a ye kwa lekgotleng kwa bagolong, a bolele a re: ‘Morwa-rraagwe monna wa me o ganne go tsosetsa morwa-rraagwe leina mo go Iseraele; ga a rate go ntlhatswa jaaka e le tshwanelo.’


Jaanong a bagolo ba motse wa ga gabo ba mmitse, ba bue nae. Mme fa a tlhomamisa a re: ‘Ga ke rate go mo tlhatswa,’


gona a motlholagadi wa morwa-rraagwe a mo atamele mo matlhong a bagolo, a mo role setlhako mo lonaong, a mo kgwele mathe mo sefatlhegong, a fetole a re: ‘Monna yo o ganang go aga ntlo ya ga morwa-rraagwe o tla direlwa jalo.’


Mme Naomi a raya ngwetsi wa gagwe a re: “A a tshegofadiwe ke Morena yo o se kang a tlhokisa baphedi le baswi lorato lwa gagwe!” Naomi a ba a mo raya a re: “Monna yoo ke wa ga etsho; ke mongwe wa bagolodi ba rona.”


Lala fano bosigong jono. E re mo mosong, fa a ka go golola, go siame, a a go golole! Mme fa a sa kgatlhwe ke go go golola, foo nna – ka bophelo jwa Morena – ke tla go golola! Robala fano go ya mosong.”


A botsa a re: “O mang?” A araba a re: “Ke nna Ruthe, lelata la gago; phuthololela lelata la gago diphuka tsa gago; gonne ke wena mogolodi.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan