Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 4:15 - Setswana 1970

15 E tla nna ene yo o go lapolosang pelo, yo o go tlamelang mo botsofeng jwa gago; gonne ngwetsi wa gago yo o go ratang o mmelege, ene o molemo mo go wena go feta bomorwa ba supa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Mi o tla na motserisi oa gago, mi o tla gu otla mo bocoheñ yoa gago: gone ñuetsi oa gago, eo o gu ratan, a mo tsetse, eo o gu lemohalelañ bogolu go tsimane e le seven.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 O tlaa nna mo go wena morudisi wa botshelo, le mootli wa botsofe jwa gago; gonne ngwetsi wa gago, yo o go ratang, yo o molemo mo go wena bogolo go bana ba basimane basupa, o mmelege.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 4:15
10 Iomraidhean Croise  

Ke tla go babalela teng, gonne go sa ntse go tla tla dinyaga di le tlhano tsa leuba; e se re gongwe wa humanega, wena le ba lapa la gago le tsotlhe tse o nang natso.’


Josefa a babalela rraagwe le bomorwa-rraagwe le malapa otlhe a bone ka dijo, mongwe le mongwe ka fa palong ya ba ba mo lapeng.


Mafoko a molomo wa gagwe a borethe jaaka sereledi, pelo ya gagwe ke ntwa; dipolelo tsa gagwe di boleta go gaisa lookwane; etswe e le ditšhaka tse di somotsweng.


Balekane ba motho ba ka mo isa mo tatlhegong; mme go ka nna le tsala e e kgomarelang motho bogolo go morwa-rraagwe.


Mme ke ntse ke le ene go fitlha tsofalong. Ke nna yo ke tla belegang lona go tsamaya lo nna tlhogo di pududu. Ke nna yo ke dirileng jalo; ke nna yo ke tla rwalang, ke nna yo ke belegang, ke nna yo ke pholosang.


Mme Naomi a tsaya ngwana, a mo fara, a nna mmelegi wa gagwe.


Mme Elekana monna wa gagwe a mo ree a re: “Hana, o lelelang? Ke eng fa o sa je? O utlwisitswe ke eng botlhoko? A ga ke molemo mo go wena go feta basimane ba le some?”


Ba ba neng ba kgora ba ile go jaka dijo; ba ba neng ba bolawa ke tlala ba a kgora. Moopa le ene o belege ba supa; mmabontsi o swabile.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan